Go ipolaya ga batho go a tshwenya
17 Mar 2015
Mapodisi a Ramotswa a tshwentswe ke palo ya batho ba ba ikgapelang matshelo e e golelang pele mo motseng oo.
Assistant superintendent Simizani Mathumo o boletse mo puisanyong fa mo nakong eno ba setse ba amogetse dikgang di le nne tsa batho ba ba Ikaleditseng le e le nngwe ya dipolaano tsa marato.
A re e rile mo dibekeng tse pedi tse di fitileng rre wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe a rema mme yo a neng a le mo leratong nae ka selepe mo molaleng gone kwa Ramotswa.
Rre Mathumo a re mme yoo o ne a le dingwaga di le masome a mabedi le borataro mme tiragalo e e diragetse morago ga go tlhoka kutlwisanyo. O boletse fa go belaesega go re rre yo o ne a tloga a ya go ikaletsa ka dipelaelo tsa gore mme yoo o tlhokafetse.
Superintendent Mathumo a re mme yo ne a ragogesediwa kwa kokelong ya Princess Marina kwa a nnileng malatsi a le lesome le bobedi mme a tlhokafala kgwedi eno e tlhola malatsi ale borobedi.
O tsweletse ka go re rre mongwe yo o sikanang le Rre wa moswi le ene one a ikaletsa ka matlhatso a a fitileng mme ga go itsege mabaka a gore a dire jalo. Superintendent Mathumo o gakolotse fa go ikgapela botshelo go sa thuse sepe mme ele go tlogela selelo le khuranyo ya meno mo go ba ba tshelang.
A re fa batho ba na le mathata ba buisane le ba boipelego kana ope yo ba kgonang go bua le ene fa ba tshaba batsadi, gore go bonwe go re ba ka thusiwa jang. A re batho ba tshwanetse go itse gore ga gona ope yo mathata a gagwe a leng botoka go gaisa a yo mongwe ka jalo setlhare gase go a tila mathata fa ese go a oketsa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Maungo Lelokwane
Location : Ramotswa
Event : Puisano
Date : 17 Mar 2015