Tshireletso o kgala badirela puso
17 Mar 2015
Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, o kgaletse badirelapuso go tlhoka go tsena diphuthego tse di buisiwang ke mapalamente le matona a puso ntswa ele bone ba tshwanetseng go a rabela dikgang tse di amang maphata a bone.
O boletse mo phuthegong ye a neng a e buisa kwa Dibete fa go na le badirelapuso bangwe ba ba sa tseyeng tsia diphuthego tsa mapalamente le matona a puso ntswa ele tsone tse go lekodisiwang setshaba ka ditsamaiso tsa mmuso gammogo le mananeo a Batswana ba ka a dirisang go tokafatsa matshelo a bone jaaka lenaneo la nyeletso lehuma la nta ya thogo.
Mme Tshireletso yo e bileng ele mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, o rile gole gantsi maphata a sa tseneng diphuthego tsa gagwe ntswa setshaba se ngongorega thata ka maphata a bone, ke ba diri ba lephata la ditsela le la boipelego mo khanseleng ya kgaolo potlana ya Mahalapye.
A re Batswana ba ka kgona go akola mananeo a puso le go ikinola mo lehumeng fa Badirelapuso ba ba neilweng go tsamaisa mananeo ao ba ka dira tiro ya bone ka manontlhotlho le go tsamaya le dikgaolwana tsa bone go tlhalosetsa setshaba ka ditiro tsa maphata a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Dibete
Event : Phuthego
Date : 17 Mar 2015