Banana ba rotloeditswe go innaakanya le dikgwebo
17 Mar 2015
Mokwaledi mo lephateng la banana, metshameko le ngwao, Rre Ntabeni Malikongwa, o rotloeditse banana mo kgaolong ya Kgalagadi go ikemela ka dinao ka go tsena mo dikgwebong tse dipotlana ka seo se ka ba thusa go tlhabolola matshelo a bone le gone go itshetsa.
O buile seo bosheng jaaka a ne a buisana le banana kwa Tsabong mabapi le go ikemela ka dinao ba innakanya le dikgwebo tse di potlana ka seo se ka thusa thata mo go tlhabololeng matshelo a bone.
Mokwaledi mo lephateng le banana, metshameko le ngwao o supile fa puso e kgathala thata le go tseela dikgang tsa banana tsa botsogo le tsa letlhoko la ditiro kwa godimo ke ka moo e ntshitseng mananeo aa itebaganetseng le bone, a ka one ba ka kgonang go tokofatsa a matshelo a bone le go itshetsa mo isagong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Thuto seka-dipuisanyo
Date : 17 Mar 2015