Baeteledipele ba tshwanetse go tlotlwa
17 Mar 2015
Bomme ba thapelo ba kereke ya Lontone ba gwetlhilwe go fa baeteledipele ba bone tlotla gore baeteledipele le bone ba tle ba ba neele tlotlo eo.
Kgakololo eo, e dirilwe ke Moruti Patience Pheko wa Lontone kwa Ranaka bosheng jaaka a ne a rutuntsha bomme ka botlhokwa jwa boeteledipele mo bokopanong jwa kereke eo jwa bomme.
Moruti Pheko o tlhaloseditse phuthego gore moeteledipele o tshwanetse go ithulaganya, a nne le boammaaruri le bopelokgale, a amogele batho botlhe ba a ba eteletseng pele ka tekatekanyo. O tlhalositse gore fa boeteledipele jwa kereke bo se komota kereke e ka tshabelelwa ke dihawa ka jaana tsamaiso e tlaa reketla.
O ne a kgala boeteledipele jo bo se nang thulaganyo a re bokoa joo bo ka emisa ditiro tsa kereke mme a gwetlha phuthego go tsaya dikgato tse di maleba ka go mo seegela fa thoko. A re moeteledipele o tshwanetse go tsaya boikarabelo jo bo tletseng ka kereke e a e eteletseng pele ka go nna le tebelopele, a re mme seo se ka diragala fa a dirisana le maloko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : lobatse
Event : Thutuntsho
Date : 17 Mar 2015