Thuto ke pitsa e e maoto mararo
16 Mar 2015
Mogokgo wa sekole sa Bakgatle kwa Mochudi, Mme Julia Kgomotso, o boletse fa thuto e le ya batho ba le bararo e leng morutabana, motsadi le ngwana.
Mme Kgomotso o boletse seo ka Mosupologo mo phuthegong ya batsadi, barutabana le baithuti fa a lekodisa batsadi ka maitsholo a bana, a re ba bone go tshwanela gore batsaya karolo botlhe mo thutong ya ngwana le bone baithuti ba nne teng mo phuthegong eo ka e lebagane baithuti.
O tlhalositse fa ngwaga ono kgang e e tswenyang mo sekoleng seo ele ya marato a baithuti ebile e golela kwa godimo jaaka go nnile le kgang ya moithuti wa dingwaga tse di lesome le boraro a ratana le mokgweetsi wa khombi yo o ngwaga di le masome a mabedi le boraro, a re kgang eo e tshwentse bogogi thata.
O boletse fa go kgona go tseregangwa ntwa ya baithuti ba lwela go pagama dikhombi tseo tse di leletsang diromamowa kwa godimo,a re go dirilwe thulaganyo ya gore baithuti batle phakela ka nako ya bosupa mo matlwaneng a boitutelo gore batle go bala mme bone ba tsena thari ba diilwe ke dikhombi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Letshelaphala
Location : Mochudi
Event : Phuthego
Date : 16 Mar 2015