Van Der Westhuiezen o lekola bodiredi
17 Mar 2015
Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Frans Van Der Westhuiezen, o ne a etetse kgaolo ya Ghanzi go tla go lekola ditiro tsa ditlhabololo tse di tsweletseng mo kgaolong, go kopana le boeteledipele ga mmogo le badirela puso.
E rile a buisa badirela puso a tlhalosa fa leeto la gagwe e le go reetsa dikgwetlho le dikgoreletsi tse ba ka tswang ba kopana le tsone mo kgaolong ya bone, a re o a itse ba lebanwe ke dikgwetlho ka motse wa Ghanzi o le kgakala le toropo kgolo.
Tona Westhuizen a re o lebogela badirela puso go bo ba sa ipone tsapa ba bereka ka natla le ntswa ba na le dikgetlho di tshwana boroko jo bo tlhaelang jwa badiri le madi a go direla mo dikgaolong ka ba bangwe basa a fiwe (RASA).
A re dingwe tsa dikgang tsa ba badirela puso di ka arabiwa ke boeteledi pele jwa kgaolo mme tse dingwe di tlhoka bo tona. Tona Westhuizen o rotloeditswe badirela puso gore le ntswa bana le dikgwetlho ba ikgaphe mo ditirong tsa tshenyetso setshaba.
E rile ba ntsha matshwengego a bone Rre Malele a re o tshwentswe ke gore maphata ga a rerisane le badirila puso mme ba tla ba setse ba tsere ditshwetso mme letswe la babereki le seo mo teng.pusong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lemogang Madumane
Location : GHANZI
Event : Leeto la ga mothusa tona
Date : 17 Mar 2015