Breaking News

Marekisetso a kokoanya madi go thusa Tshegofatso

17 Mar 2015

Tshegofatso Ndlovu, yo o nang le ngwaga, ke mosetsanyana yoo tshelang ka bolwetse jwa go gola ga tlhogo mo go sa twaelesegang (Hydrocephalus).

E ne ya re ka kgwedi ya Hirikgong mabenkele a Eureka,Trident,Welcome Cash and Carry,DailyNeeds le Pick&Pay ba kopana go thusa gore Tshegofatso a ye go dira learo, mme ba ne ba dira jalo ka go apaya dijo ba di rekisa, maitiso a bo mmabontle le kgwele ya dinao.

Madi a a tlhokegang go dira learo la ga Tshegofatso ke P45 000 mme go setse go kokoantswe selekanyo sa P32 000.

E rile a eme badiri ba mabentlele ao ka lefoko, mothusa ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Molefhi Pilane a re o leboga go bona ba kgathala ka botsogo jwa batho ba ba mo tikologong e ba nnang mo go yone le go bona gore botshelo jwa ga Tshegofatso bo a somarelwa.

Mothusa ratoropo o kgotlhaditse badiri ba madirelo a Pick&Pay,Dailyneeds,Eureka,Welcome Cash &Carryle Trident go bula letlole le mo go lone ba ka nnang ba thusa ba ba tlhokang ka go ka ba tlhofofaletsa tiro.  

O ne gape a bolela gore khansele ya Selebi Phikwe e itlamile go bereka ka thata le go ema nokeng botlhe ba ba tlhokang thuso. O ne a tlhalosa gore ofisi ya ga ratoropo e butswe ka nako tsotlhe go thusa botlhe ba batlhokang dithuso. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Kabo-dimpho

Date : 17 Mar 2015