Breaking News

Babereki ba kgothadiwa go dira ka natla

16 Mar 2015

Tona wa Dikgaolo le Tlhabolo Magae, Rre Slumber Tsogwane,o kopile babereki ba lephata la gagwe go dira tiro ya bone ka nata.

Tona Tsogwane o ntshitse kopo e fa buisa babereki ba lephata la gagwe ka Mopitlo a le lesome le boraro  kwa Letlhakane.

O ne a ba lekola le go bona fa ba berekelang teng le go utlwa matshwenyego a bone a bo a ba kgothatsa go fetola maikutlo ka fa bantse ba bereka ka teng, ba ntshe megopolo e ka yone baka thusang puso go thusa Batswana.

Tona a re gore ba kgone go dira tiro ka nata kefa baka fetola ka fa baakanyang kateng le kafa ba ntseng ba dira dilo ka teng, ba itumelele go bona ba kgana tiro ya bone ba bona maduo,ba seka ba kgoreletsa tiro ka dingongorego.

One gape a ba kgothatsa go dirisana mmogo ,le go neela a re mmereki mongwele mongwe otswanetse a a bona mekwalo ya lephata go ba kgone go itse tse di ba amang .

Babereki ba ne ba lekodisa tona ka matshwenyego a bone a tshwana,letlhoko la boroko,diofisi le didirisiwa,gotlhoka go tlhatlhosiwa maemo ,dipagamo,go okediwa dikitso le gona sebaka mo lefelong le le lengwe,go tlhoka go duelwa sentle .

Alebert Gaoleboe a re maikaelelo a bone ke bereka ba ntsha maduo,ba kgorelediwa ke mathata a go tlhoka go lekolwa ke bagolwane go lekodisa ka matshwenyego a bone,atlatsa ka gore kgaolong ya bone gae a siama ka jalo dikoloi tsa bone di tlhoka go rekelwa dithaere tsa boleng jo bo ko go dimo gore di tseye seka.

Mokwaledi wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae rre Boipelo Khumomatlhare,o ne a supa fa ba batle megopolo mo go bone e e ka isang lephata ko pele ,atlatsa ka gore bontsi jwa dikgang tsa bone ke tse di ka buiwa mo makalaneng le mo lephateng ,a kopa bagolwane ba bone go tshwara phuthego ya babereka ka bonako go rarabolola matshwenyego a babereki.

Rre Khumomatlhare a re gona ka fa ba berekang ka teng basa tshware diphuthego ,go buisana ka tiro ya bone,gore ba fokotse dingongorego tsa bareke ,goitsa gore ba tle ba di ntshe mo diphuthegong tsa bo tona.

One gape atlhalosa fa go dumelanwe gore kgwedi ya mopitlo e simolola mereki mongwe le mongwe abo ana le le sekopelo se se supang maina a gagwe le gore o berekela kae.o bile a re babereki ba tshwanetse go fiwa dietsele mo kgaolong le ko lephateng.
E rile amogela baeng Mothusa Mokwaledi wa Khansele Rre Cristopher Maramba a leboga Tona go bo a ba lekotse,a re baitse gore ga a ka ke a kgona matshwenyego otlhe a bone,mme bat la mo neela mangwe a o ne. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : Letlhakane

Event : Bokopano

Date : 16 Mar 2015