Breaking News

Matlhabelo a tlaa fokotsa bogodu jwa leruo

16 Mar 2015

Lephata la matlhoko a leruo, sepodisi, lephata la makgotla a Setswana, ba botsogo jaw tikologo le ba diragatsi ba melawana ya kgwebo ba khansele  ba re gonna teng ga matlhabelo goya go bathusa go lwantsha seemo le dikgang tsa bogodu jwa leruo.

Ba supile se mo bokopanong jo boneng bo biditswe ke ba JAGO BEEF go rolela bagwebi ba thekiso ya nama ba palapye le tikolo ka matlhabelo a bone a a setseng a le mo kgweding ya boraro a ntse a bereka.

Mo goroleng matlhabelo ao borakgwebo ya thekiso ya nama le bodiredi ja puso bane ba supa fa boitumelala thata gonna teng ga matlhabelo , le gore batho baya go simolola go ja nama e e tlhatlhobilweng, ena le boleng.

E ne yare mo go amogeleng matkhabelo ao, bora kgwebo ya nama, batlalosediwa ka ditlhwatlhwa tsa go tlhaba le go isediwa nama ka dikoloi tsa ditsidifatsi kwa dikgwebong tsa bone, le go tsibosiwa gore ke molato gorwala nama ka dikoloi tse dilephaka e bile e se tse di diretsweng go rwala nama.

Mo pegong  ka beng ba matlhabelo  Mme Gorata Danga one a tlhalosa fa matlhabelo aya golopa P280.00 gotlhaba kgomo, mme ba isi nama yay one ka P75.00, mme fa dikgomo difeta bobedi goya kwa godimo batlaa lopa P50.00 tlhogo ya kgomo.

Mme Danga one a tlhalosa fa ba tlhaba podi le nku, mme are fa baisetsa mongwebi nama ka koloi ya bone go mo maruding a mongwebi go folosa nama eo go e tsenya mo marekisetsong a gagwe. Oile a supa gape fa bone ele ba JAGO BEEF ele maikemisitswe a bone go direla dilo mo pepeneneng, ka botho, ka nako le gonna nna le puisano e e lolameng le bagwebi ka go baneela ditlamelo tse dilebanyeng.

Ene yare a ema bagwebi ka lefoko, Sgt Malaki Tshwamphe wa sepodise sa Botswana a lebagane letsa bogodu ja leruo a thalosa fa ba santse ba tshwengwa ke dinama tsedi tsenang mo marekisetsong a nama disena motlhala gore ditswa kae, are dingwe ditlhabelwa kwa merakeng, masimong le mo malapeng masigo. Sgt Tshwamphe one are molao o tlhamaletse gore batho ba badirang jalo baka otlhaiwa , fa godimo ga dikotlhao madirelo a bone a ka tswalwa.

Mogolwane  gotswa kwa khansele a lebagane le melawana ya tsa kgwebo, Rre Kebuamotse Kebuametse one a kopa boradikgwebo tsa nama go dirisa matlhabelo a a teng, mme a buwa a tsholeditse lentswe are lekalana la gagwe, le tshwaragane le badiragatsa molao ba sepodissi, le ba lephata la matlhoko a leruo gab aye go oshaosha godiragatsa molao, are bagwe baya go latlhegelwa ke diteseletso fa ba sa dirahatse tse ditshwanetseng.

One are ke maikaelelo a bone ele bodiredi go babalela le go sireletsa setshaba ka go se direla kafa tshwanelong le go bona gore a tse ba dineelwang ke tsa boleng jo boletelesegang
Motlhatlhobi wa nama gotswa kwa  lephateng la matlhoko a leruo Mme Kago Thankane one a tlhalosa dintlha le ditsamaiso tse ba diselang morago fa badira tlhatlhobo ya nama, are sengwe ke go sireletsa botsogo ja setshaba ke goela tlhoko gore nama e tshwarwa sentle, ga e kgotelesege le gone gore a e siametse go jewa.

O ile a tlhalosa ka malwetse a gantsi a fethelwang mo nameng jaaka ja thako le molomo , mabele kana molafo are ke mangwe a a dirang gore name e jewe ka molelo. One a tlhalosa ka bolwetsa ja mabele are fa bo fitlhelwa mo nameng, nama eo eka bewa mo setsidifatsing sebaka sa malatsi ale lesome le bone (14)  kana fabofitile selekano se se beilweng eka jewa ka molelo.
Mme Thankane one are gape ba baya stempe mo nameng e e tlhatlhobilweng, b abo batsha le setankana letsatsi le letsatsi, oile gape a rotowetsa bagwebi ba nama go sela melawana ya thekiso le go rwalwa ga nama gotswa kwa matlhabelong morago,  goitsa diphapang le ba botsogo ja tikologo.


Mme Pontsho Rakereng gotswa mo lekalaneng la botsogo ja tikologo la khansele ene one are a batho baitse gore nama e e tlhabilweng kwa malapeng e tlhabelwa leso , lenyalo kana modiro ope fela ga e a tshwanela go tlhakana le nama e e tlhatlhobilweng e bile e rekisediwa batho are godira jalo ke molato. One gape a rotowetsa bagwebi ba nama go reka difetlha motlakase (generators)  gore ere fa motlakase wa BPC o kgaoga ba kgone go didirisa goitsa go bolaga nama.

Mongwebi wa nama Rre Tswelelo Shashane one are ditlhwatlhwa tsa go isediwa nama dikwa godimo a disekasikiwe, mme are ba kobo bane bafiwa sebaka goipakanyetsa go reka dikoloi tse dirwalang nama ka godirisa fela tse bantse ba didirisa tse di lephaka, gona le go emisiwa fela .

One gape are gosireletsegile gole kae mo nameng e e fisiwang, le gore godirwang go bona gore a ele ruri nama eo e tshubilwe. Rre Jerry Mosweu ene one are go ntshiwa ga dinko, seledu le ditsebe mo tlhogong ya kgomo go digetse tlhwatlhwa ya tlhogo kwa tlase fela thata.

Rre Pro Motswaiso ene one are ba botsogo ja tikologo ba dirisa metlhala efe go lebelela bo Millera le bora mabenkele a metseletsele a di supermarket a(Supermarket Chain Stores) ba barekisang nama le gone gore ba e tsaya kae, ba e tlhaba kae? One gape a supa fa dinama tse di fisiwang disa latedisiwe sentle ka jalo batho ba a di sela b abo ba direkisetsa batho mo motsing. One are fa dikgomo dikwadisiwa kwa kgotleng tshipi e sa bonala, a go sekasekwe gore e tshubiwe gape ke mong wa kgomo go e bonatsa.

Fa batsibgela di[potso tse ba matlhoko a leruo bane bare ke boikarabelo ja matlbhabelo gonna lefa ba tshubelang dikgomo tse di condem teng, mme fa di isitswe kwa sekiting ke boikarabelo ja khansele.

Ka kgang y aba di supermarket bane bare go dingalo ka dinama tsa bone ditla ditswa kwantle ga lefatshe leno. Mme ka  go fisiwa ga nama bane bare sekita sa Mmalenakana sa Palapye ga seetshwanela go lathela nama e tshwanetse ya isiwa kwa Serowe kwa gonang le ditlamelo teng.

Go supegile fa gona le dikgwebo tsa nama mo Palapye dile 48, mme go tlhabelwe dile 12 fela, tse di sa tlising dikgomo kwa matlhabelong ditsweletse ka gorekisa dinama tse go saitsiweng kwa ditswang teng le kwa ditlhabelwaneng teng.
BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Bokopano

Date : 16 Mar 2015