Breaking News

Go tlhaloganya molao go botlhokwa

16 Mar 2015

Go bolelwa fa go le botlhokwa gore maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse ba itse molao wa go tsamaisa komiti le go o tlhaloganya, gore ba tle ba tlhofofalelwe ke tiro ya bone go e dira ka botswapelo.

Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa boipelego kwa Ramotswa, Rre John Sephobe, jaaka a ne a ema maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ka lefoko kwa motseng wa Ramotswa bosheng.

Rre Sephobe o boletse fa dikomiti tsa ditlhabololo di ntse di dirisa ditsetlana tsa molao tsa bogologolo tsa ngwaga wa bo 1965, ka jalo di tlhabolotswe gore maloko a VDC a itse gore ba tsenetse eng mo komiting eo le go tlhaloganya gore ba ya kae. O boletse fa maloko a VDC ba setse ba isitse tsepamo ya bone mo lenaneong la Ipelegeng, ba lebala maikano a bone a go tlhabolola motse.

O boletse gape fa mo tsamaisong e ncha, e tla re a fa maloko a VDC a sena go tlhophiwa, ba rurifadiwa ke ba khansele, ba sena go sekaseka gore a ba kgotsofatsa tsamaiso tsotlhe tse di batliwang.
A re fa maloko a VDC a rorifaditswe, ba tshwanetse go itse maikarebelo le maikemisetso a bone, se se raya gore ba tla a tshwanelwa ke go arabela dilo dingwe, a bo a supa fa ba tla a tseelwa dikgato fa ba sentse, go na le jaaka pele ba ne ba gatelwe dikgato.

Mogolwane wa boipelego kwa Ramotswa Rre Nakedi Morwagaabuse, o boletse fa tsamaiso ya VDC e ntse e le teng, a tlhalosa fa go ntse go tlhaela molao o o feletseng wa go di tsamaisa.
Rre Morwagaabuse, o boletse fa se se ne se dira gore maloko a VDC a senye dithoto tsa morafe. O boletse fa molao o o kwadilwe ka sekgoa, mme bone ba tla a ruta maloko a VDC ka Setswana, le gone go ba letlelela gore ba botse dipotso gore ba tle ba tlhaloganye. O boletse fa kwa bofelong, maloko a VDC ba tla a felela ba itse tsamaiso e ncha e.

Mongwe wa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse Rre Paul Matongo, o ne a amogela fa e le ruri bangwe ba bone ba senya, ka ba na le go ikadima madi a morafe. O boletse gape fa bangwe maloko a bone, ba na le go rolela mokgweleo mo go ba bangwe E ne erile a amogela batsena thuto seka dipuisanyo, moemelakgosi Kgosi Buti Mokgosi a tlhalosa fa a lebogela ba khansele potlana ya Ramotswa, go bo ba bonye go le botlhokwa go tlhatlhelela maloko a VDC ka tsamaiso e ncha.

Kgosi o kopile maloko ao, go lemoga fa tiro ya bone e le yone konokono mo go tlhabololeng motse, le gone go itshoka le fa dikatso tsa bone e se tsa sepe, a tlhalosa fa nako nngwe madi a tla a bo a le teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Ramotswa

Event : Bokopano

Date : 16 Mar 2015