Lenaneo le tsisa diphetogo
16 Mar 2015
Mookamela mapodisi wa dikgaolo tsa legare, Rre Paul Molapisi, a re lenanaeo la twantsho borukutlhi le tlisa diphetogo mo matshelong a Batswana.
Rre Molapisi o buile se, mo bokopanong jwa tshekatsheko ya lenaneo le jo bo neng bo tshwaretswe mo Serowe ka Laboraro. A re ka lenaneo la twantsho borukuthi, borukuthi bo fokotsegile fela thata mo kgaolong ya gagwe fa a tshwantshanya le ngwaga wa 2013 le wa 2014.
O ne a tlhalosa gore ka ngwaga wa 2013 go ne ga gatisiwa dikgetsi tsa go thubiwa ga matlo di le makgolo a mabedi le masome a mane fa ka ngwaga wa 2014 di ne tsa nna makgolo a mabedi le masome a mabedi le botlhano.
Mo go tsa go thubiwa ga dikoloi ka ngwaga wa 2013 di ne tsa nna lekgolo le boraro fa ka ngwaga wa 2014 di ne tsa wela ko tlase go nna masome a marataro le bongwe. Mo go dikgetsing tsa matshosetsi a polao ba ne ba gatisa masome a ferabobedi le boraro ka ngwaga wa 2013 fa ka ngwaga wa 2014 ba ne ba gatisa di le masome a mabedi le borataro.
Le ga fo ntse jalo Rre Molapisi o ne a tlhalosa gore mo dikgetsing tsa go itseela dikobo ka dikgoka ka ngwaga wa 2013 ba ne ba gatisa di le lekgolo le boferabobedi le boraro fa ka ngwaga wa 2014 ba ne ba gatisa di le makgolo a mabedi le masome a mabedi le boraro.
O ne a tlhalosa gore dipolaano tsa batho le tsone di ne tsa oketsaga, ka ba ne gatisa masome a mabedi le bosupa ka ngwaga wa 2013 mme ka ngwaga wa 2014 ba gatisa masome a mabedi le boferabongwe.
Rre Molapisi, o ne a tswelela a re le tsa bogodu jwa leruo le tsone di ne tsa golela pele ka ba ne ba gatisa makgolo a mabedi le masome a mararo le boferabongwe ka 2013 fa ka ngwaga wa 2014 ba ne ba gatisa makgolo a mararo le masome a mabedi le boferabongwe.
O ne a rotloetsa batho go tshwaraganela lenaneo le, ka le le mosola fela thata ka le tsisa diphetogo e bile le sireletsa matshelo a Batswana. Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti kgolo ya twantsho borukutlhi ya Legare Kgosi Sello Moroka , a re komiti ya twantsho borukuthi e direla ba sepodisi le bogosi tiro motlhofo ka ba tsamaya ba tsena mo malwapeng go letlanya le go sekaseka ko borukuthi bo ka tswang bo le teng.
Kgosi Moroka o ne a tlhalosa gore fa lenaneo le le sale le simologa le tlisitse popagano mo setshabeng e bile batho ba nna ka phuthologo. O ne a kopa merafe gore mananeo a tshwana le a ntebele ke go lebele a tsosolosiwe ka a le botlhokwa fela thata e bile a sa duelelwe, o kopile setshaba go tsaya tsia lenaneo le ka le ka tokafatsa matshelo a Batswana. Kgosi Rre Sello Moroka o buile gore leneneo le la twantsho borukuthi le tlisa kagiso mo setshabeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gorata Seikaego le Tshepiso Botshelo
Location : Serowe
Event : Bokopano
Date : 16 Mar 2015