Breaking News

Banni ba Disaneng ba itela mo go Tautona Khama

16 Mar 2015

Banni ba kgotla ya Disaneng kwa Maun ba kopile gore ba thelelwe sekontere mo tseleng ya bone e e lekgarapana.

Banni bao ba kopile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama ka Labone, mme ba supa fa tsela eo e baka lerole le lentsi.

Modulasetilo wa komiti ya kgotla eo Rre Tathego Repheya o ne a supa fa dipalamo tsa setshaba di sa goroge kwa kgotleng ya bone ka ntlha ya letlhoko la tsela ya sekontiri.

Rre Repheya o ne gape a supa fa go na le letlhoko la matlo a borutelo kwa sekolong se sebotlana sa Disaneng, a re bana ba bangwe ba tsenela ko ntle, mme gape go na le letlhoko la bonno la barutabana le baoki.

Le fa go ntse jalo, Rre Repheya o ne a lebogela mananeo a puso jaaka a Ipelegeng le nyeletso lehuma, a re a thusitse Batswana ba le bantsi mo kgotleng ya bone. E rile a ba kgwa kgaba, Tautona Khama a tshwaela fa kopo ya bone ya tsela e tlaa tsenngwa mo lenaneong la ditsela.

Tona ya tsa Selegae le Tlhabololo ya dikgaolo Rre Slumber Tsogwane o ne a re ba mo lenaneong la go baakanya seemo sa dikago mo dikoleng. O ne a tlhalosa gore ba setse ba le ko dikolong dingwe mo Ngamiland jaaka sa Andrew Wellio le ko Samuchima.

Tona Tsogwane o ne gape a lebogela gore banni ba kgotla eo ba akola mananeo a Ipelegeng le nyeletso lehuma, mme a re ba tlhokomele gore ga go akole batho ba le bangwe fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Mar 2015