Breaking News

Tiro ya diatla e botlhokwa

16 Mar 2015

Mmaboipelego wa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Mme Maureen Lefifi a re ntswa go santse go lebega bontsi jwa banana ba tseela thuto ya tiro ya diatla kwa tlase, e botlhokwa fela thata mo nakong  eno e lefatshe leno le nang le mathata a tlhaelo ya ditiro.

O tlhaloseditse baithuti ba sekolo sa ithutelo tiro ya diatla sa Kweneng Bophirima Bridgade kwa Takatokwane mo phuthegong e ba neng ba e biditse go tla go amogana le bone ka ditirelo tsa lephata la boipelego, fa thuto ya diatla e le mmangmang ka e le bogadi bo gaufi go betla mebereko.

O ba rotloeditse go tshepha le go dira ka thata mo dithutong tsa bone ka ke tsone di ka tsogang di ba betlela ditiro morago ga ba di fetsa, ebile di ka thusa thata gore ba itirele dikompone mme ba thape bangwe ka bone.  A re thuto e tshwanetse go tsewa tsia ka  ke yone lesedi ebile ke selotlele sa botshelo. 

O ne a tlhalosetsa baithuti ba ba thusiwang ke puso, go tlhaloganya fa puso e dira ka natla go leka go tlhabolola matshelo a bone gore ba  nne le bokamoso jo bontle, mme a ba kgothatsa gore le bone ba tseye maikarabelo ka matshelo a bone.

A re go botlhokwa gore banana ba ikgaphe mo ditirong tsa bosinyi di tshwana le go itontela nnotagi ka jaana di na le seabe se segolo mo go ba senyetseng bokamoso. A re ba tshwenyegile thata ka go golela pele ga dipalo tsa banana ba ba ikgapelang matshelo le dipolaano tsa marato kwa motseng wa Takatokwane. 

Mme Lefifi a re ka jaana banana ba kopana le dikgwetlho tse di farologanyeng mo botshelong, go botlhokwa gore ka dinako tsotlhe ba tsibogele go kopa bogakolodi le tshidilo maikutlo mo go ba boipelego, dikereke le batsadi go na le go ikgapela matshelo.

O kgadile fela thata dipolaano tse gantsi di tlhotlhelediwang segolo bogolo ke go sa iketlang ga marato a banana, mme a dira boikuelo mo bananeng gore ba seka ba itlhaganela go inaakanya le tsa tlhakanelo dikobo ba ise ba tlhaloganye dintlha dingwe tsa botshelo.

A re go ngomola pelo go bona banana e le bone ba amegang ka bontsi mo dikgannyeng tsa go latlhegelwa ke matshelo ka ntlha ya dipolaano ka jaana e le bone letswai la setshaba ebile e le bone babusi ba kamoso ba lefatshe leno. 

O ba kopile go itshekatsheka le go ikaga sesha. Mo go tse dingwe, Mme Lefifi o ne a tlhalosetsa batsena phuthego eo,fa lephata la boipelego le itebagantse le go thusa batlhoki, bana ba masiela, ba-na-le bogole, go fa tshidilo maikutlo le go thusa Batswana ka mananeo a a farologanyeng a tshwana le nyeletso lehuma gore ba itshetse.

O ne a kopa botlhe ba ba akotseng dithuso tse di farologanyeng tsa mananeo a puso go di somarela gore di ba tswele mosola le  gore maiteko a puso a go leka go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo mo Batswaneng a tswe maduo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 16 Mar 2015