Breaking News

Dikgolegelo di kopa kemonokeng

21 Mar 2013

Mookamedi wa dikgolegelo, Rre Silas Motlalekgosi, o ikuetse mo makhanselareng a Bokone bophirima go ba ema nokeng mo dikgwetlhong tse di ba lebanyeng.

O ikuetse jalo fa a lekodisa khansele ka ditirelo tsa dikgolegelo le dikgwetlho tsa tsone. A re go ka nna molemo fa ba ka ipha matsapa a go etela dikgolegelo go bona seemo le go ba thusa ka maano a go batla tharabololo.

A re ga ba tsosiwe ke mosuke o o mo dikgolegelong lefatshe ka bophara, a supa fa gompieno ba tlhokomela magolegwa a le 4 348 ntswa ba tshwanelwa ke go amogela ba le 4 219. A re e re ntswa ba tshwere namane e tona ya tiro ya go sireletsa le go aga magolegwa, ba kgorelediwa ke matlhotlhapelo a a dirwang ke one magolegwa ka jaana bangwe ba a tlhaga, fa bangwe ba lwa mme ba bangwe ba tlhasela badisa ba bone.

Rre Motlalekgosi o lekodisitse makhanselara fa bangwe ba dirisa ditagi le go tshola didirisiwa tse di borai, a tlatsa ka gore go dira jalo go tsisa matshosetsi a matona mo tirong ya badisa magolegwa. A re bosheng jaana, ba ne ba gapa megala ya lotheka e feta lesome mo bangweng ba magolegwa, a tlhalosa fa go supagala gore bangwe ba e fitlha mo ditlhakong le mo dikarolong dingwe tsa mmele.

O kopile makhanselara go tshwaraganela dikgang tseo le bone, a re fa ba sa di emele ka dinao, dikgolegelo di tlaa fetoga boremelelo jwa dirukutlhi. Rre Motlalekgosi o ne tlhalosa fa bodiredi jwa gagwe bo dira tiro ka botswapelo mme mathata e le bobotlana le mabaka a pereko a a sa itumediseng.

A re le dikago tsa dikgolegelo ga di mo seemong se se itumedisang ka dingwe di onetse e bile di le dipotlana. O ne a supa gape fa a tshwenngwa ke gore setshaba se kgetholola batho ba ba tswang mo kgolegelong.

A re kgolegelo yone ga e kgetholole ka jaana mohumi, mohumanegi le morutegi a kgona go tsena mo teng mme a ikuela mo setshabeng go fa batho bao sebaka sa go tlhakana le bone. Fa ba tsibogela selelo seo, makhanselara a supile fa e le boammaaruri dikgolegelo di tlhoka thuso ya potlako.

Ba re go lebega di beilwe ka fa mosing ntswa di dira tiro e tona mo setshabeng. Ba re bodiredi jwa dikgolegelo bo tshela le dirukutlhi tsa maemo a a kwa godimo mme ga ba na sepe sa itshireletso, ba tlatsa ka gore seo se baya matshelo a bone mo diphatseng.

Ba ne ba tshwaela ka gore ga go a siama go kopanya magolegwa mo lefelong le le lengwe ka ba farologana ka melato. Bangwe ke ba ba sa itekanelang mo ditlhaloganyong mme ba tlhoka bonno jo bo faphegileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Tekodiso

Date : 21 Mar 2013