Breaking News

Monna o shetse mo koloing

12 Mar 2015

Mapodisi a Kalkfontein mo kgaolong ya Ghanzi a tlhotlhomisa kotsi ya dikoloi tsa megobagoba tse tharo tse di thulaneng mme ga tlhokafala monna a le mongwe.

Mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi a Kalkfontein, Assistant Superitedent Zibani Mbisana o tlhalositse fa kotsi eo e diragetse ka Tshipi  ka nako ya lesome mo mosong dikhilomithara dile pedi go tswa kwa Karakubis.

Assitant Superitedent Mbisana a re diteraka tse pedi ke tse ditsayang leokwane go tswa kwa ntlheng ya Namibia di tla mo Botswana fa engwe e ne e ya Namibia e pegile ditshipi.

A re mokgweetsi wa teraka e e nneng e ya Namibia o ne a latlhegelwa ke taolo mme a thula teraka ya ntlha pele fa a ya go thulana le ya bobedi, mme ditaraka tseo ka bobedi ee nneng e tsere diesel le ee nneng epegile ditshipi tsa kapa molelo.

Assistant Superitedent Mbisana a re ka go tlhoka lesego mokgweetsi wa teraka ya Namibia ke ene yo o shetseng mo koloi a bo a lora ka gore balekile ka bojotlhe gore ba montshe mo terakeng mme ga palega ntateng ya gore molelo o ne ole motona thata.

A re masalela a mokgweetsi yoo tlhokafetseng mo kotsi eo a mo se setsidifatseng sa kokelo ya Ghanzi go bonwa ke ba bongaka. A re bakgweetsi ba diteraka tse ditsayang diesel ka bobedi ba bonye dikgobala tse di potlana mme ba ne ba isiwa kwa sepateleng sa Bokamoso kwa Gaborone kwa ba sedilegang teng.

A re bakgweetsi bao ka bobedi ke ba Botswana, fa maina a moswi a santse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsisiwa 

Assistant Superitedent Mbisana o kopile bakgweetsi ba diteraka tsa megobagoba ba ba kgweetsang mo ditseleng tse di tetelele go itapolasa pele fa a tswelela ka mosepele wa gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise

Date : 12 Mar 2015