Mosadi thari ya setshaba
12 Mar 2015
E ne ya re bosheng lephata le le tlhokometseng ditshwanelo tsa bong wa Gender Affairs wa dira moletlo kwa Mabolwe go keteka letsatsi la bomme.
Fa a bua kwa moletlong o o neng o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng Bomme Re Fa Kae, mogolwane wa lephata le, Mme Patricia Masasa o tlhalositse fa bomme ba Botswana ba le sego thata ka go bo puso e ne ya bona go le botlhokwa go seegela letsatsi le ka lone bomme ba tlaa kopanang go tsweng mafelo a a farologaneng go tla go bua ka matshweneygo a ba nang le one go akaretsa mathata a a ba itsang go tswelela pele mo botshelong ga mmogo le kgokgontsho.
Mme Masasa o kaile fa bomme ba sa ntse ba aparetswe ke lehuma ka bangwe ba bone e le ditlhogo tsa malapa gape ba setse ba le nosi mo tlhokomelong le kgodiso ya bana borabana ba tsene ka lenga seloko.
A re go tlhoka go rutelwa dithuto dingwe tse di faphegileng ga bomme go ba dirile gore seabe sa bone se seka sa bonala, segolo jang fa go dirwa ditogamaano tsa lefatshe.
Mme Masasa a re seabe sa bomme mo go tsa sepolotiki se sa ntse se le kwa tlase, mme ke gone mo go dirang gore lentswe la bone mo go tsa sepolotiki le seka la utlwala mme e re kwa bofelong o fitlhele dipalo tsa bomme di le kwa tlase mo go tsa bokhanselara le bopalamente.
O supile fa mokgwa wa gore bomme ga ba kake ba nna baeteledipele e le one o dirang gore bomme ba salele kwa morago e bile ba lebelwe kwa tlase.
Mme Masasa a re ka fa ntlheng ya go tsosolosa ngwao le go e etleetsa gore e seka ya nyelela, bomme ba gatetse pele ka bontsi jwa bone ba loga ditlatlana le mebanki gape bontsi jwa bone ke ba-tsaya karolo mo mekgatlhong e e dirang ka tsa ngwao jaaka mebino ya setso.
A re bomme ba sa ntse ba le ka fa tlase ga kgokgontsho e kgolo mo malapeng, segolo jang mo go tsa tlhakanelo dikobo le dititeo.
Mme Masasa o rotloeditse bomme go ikuela mo makgotleng a tshwana le Gender Affairs fa ba kgokgontshiwa ka Gender Affairs e na le thata ya go ba thusa le go fedisa gotlhelele kgokgontsho mo malapeng.
Fa a tswa la gagwe mokhanselara wa kgaolo ya MASEGO e e akaretsang Mabolwe,Semolale,Gobojango, Rre Immanuel Marole a re bomme ga ba emane nokeng, segolo jang mo go tsa sepolotiki.
O supile fa makhanselara mo kgaolong potlana ya Bobirwa ba le lesome le boferabongwe mme bomme ba le bararo fela, fa mo palamenteng ya Botswana mapalamente a le masome a marataro mme bomme ba le batlhano fela.
Rre Marole o kopile bomme go rotloetsana mo go tsa sepolotiki a ba a ba kopa gape go emela ditlhopho tse di tlang le go tlhopha bomme. Mogolwane wa sepodise kwa Bobonong, Rre Michael Maphephu o supile fa mo sepodising sa Botswana bomme ba gatetse pele e bile ba tshwere maemo a a kwa godimo.
O kaile fa mogolwane wa tsa ditlhaeletsano mo sepodising sa Botswana e le mme, ka jalo a gwetlha bomme go ititaya ka thupana go intsha kwa morago.
O kopile borre go neela bakapelo ba bone lorato le go sireletsa malapa a bone. Rre Maphephu o kopile borre go tlogela go kgokgontsha bomme mme a kopa borre go buisana le bakapelo ba bone fa go na le dikgotlhang mo malapeng e seng go ba kgokgontsha ka go ba itaya.
Fa a latlhela la gagwe, Kgosi Join Ngala wa Mabolwe o rotloeditse bomme go tsaya karolo mo ditirong tse di tlwaelesegileng di dirwa ke borre jaaka go lema.
Rre Ngala a re borre ba tshwanetse go thusa bomme mo tlhokomelong le kgodiso ya bana. A re mokgwa wa gore bana ba belegwe kana ba kukwe ke bomme o supa kgethololo ya bong gape ga go supe gore bana ke ba batsadi boo babedi. ends
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Moletlo wa letsatsi la bomme
Date : 12 Mar 2015