Breaking News

Bomme ba Magapatona ba bopile mokgatlho

12 Mar 2015

Bomme ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ba bopile mokgatlho wa bomme.

Modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Pasina Munani o boletse mo potsolotsong gore ba bopile mokgatlho oo morago ga go lemoga matshwenyego le dikgwetlho tse bomme ba kopanang natso mo botshelong.

Mme Munani a re maikaelelo ke go nonotsha boleng jwa bomme le go abelelana megopolo go leka go tla ka ditharabololo mo dikgwetlhong tse ba kopanang le tsone. A re e le bomme ba itemogetse gore fa ba le setlhopha ba ka kgona go abelana megopolo ka jalo ba kgone go thusana mo matshwenyego a ba kopanang nao.

Mme Munani a re mokgatlho wa bone wa Hamogoree ba kopana kgwedi le kgwedi ba ntsha P60 mongwe le mongwe mme ka madi ao ba rekelana dijana(megopo,dikopi) le ditilo.

A re dilo tseo fa go nna le nako ya dintsho kana majalo di a phuthiwa di ye go dirisiwa kwa lelwapa leo,a tlhalosa fa maloko a mokgatlho oo a le masome mararo ka jalo leloko lengwe le lengwe le reketswe ditilo di le borobabobedi ka seo fa ba le mo medirong ya bone tlhaelo ya di dirisiwa e nna toro mo go bone.

A re ka mokgatlho oo ba kgona go nonotsha ba bangwe gape batho ga ba ke ba lemoga letlhoko la lelwapa lepe la maloko a mokgatlho oo ka bomme bat eng ba ititeile sehuba ba leka ka bojotlhe go thipa diphatla tsotlhe tse di bulegileng ka go dira ba le seopo sengwe le go emana nokeng.

Mme Munani a re fela jaaka leina la mokgatlho oo,Hamogoree’ le le rayang mogobe wa ditau ka puo ya sesarwa ina lebe seromo,bomme bao ke ditau ba ralala masisi kwa phelelong ba ntshe maduo a a melediwang mathe ke bontsi jwa batho mo motseng.

A re gape fa mongwe wa leloko a tlhokafaletswe ke mongwe wa lelwapa ba ntsha P1500 le kgetsi ya mabele go thusa.

O tsweletse a tlhalosa fa ba ikaeletse go reka dijo tsa keresemose ngwaga ono tse bat la dikgaoganang gore go seka ga nna le pharologanyo battle ba Tshwane le malwapa a mangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 12 Mar 2015