Breaking News

Mokgosi o atla tsosoloso ya temo ya nosetso

12 Mar 2015

Mothusa kgosi ya Balete, Kgosi Tsimane Mokgosi, o supile fa tiro ya go tsosolosa temo ya nosetso le thuo kwa Mogobane, e tsweletse sentle, mme ba Rural Development Plan, ba e abetse madi a P10 million.

Kgosi Mokgosi o buile se, mo phuthegong ya kgotla kwa Ramotswa, a supa fa tiro e, e le ya morafe wa Balete ka kakaretso eseng ba Mogobane fela, a bo a supa fa ditiro dingwe di setse di abilwe.

O boletse fa ba santse ba emetse kompone ya motlakase go ba gokelela motlakase, a supa fa ba ba lopile madi a P540 000.

O boletse fa kompone ya ALDEBO ba abetswe tiro ya go teratelela tshimo, mme ba e abetswe ka madi a P1 million, e ba lephata la Agriculture ba supileng fa ba e dira ka bokgabane, se se raya gore ba ka duelwa go sena mathata.

O boletse gape fa kompone eo e abetswe tiro ya go apesa moriti mo tshimong, ka madi a a fetang P370-000, mme ba ne ba gakololola gore go lengwe pele, ka go ka nna thata go lema fa go setse go dirilwe moriti, a bo a supa fa jaanong kgwetlho e le seemo sa loapi.

Kgosi o boletse fa go tlhokega gore go rekwe didirisiwa tsotlhe tsa temo jaaka ditereke le digogi, a bo a supa gape fa ba batla go gokela didiba tse di gaufi, go thusa se se setseng se le mo tshimong.

O tlhalositse fa mokwatla wa nosetso o le mo tamong ya Mogobane, ka jalo go le botlhokwa go e fatolola, gore go tle go gogwe metsi koo.

O boletse gape fa mo tsamaong ya nako, go tla a anamisiwa diphatlha tiro tse di leng teng, go tlhamela batho ditiro.

Mo go tse dingwe, mothusa Kgosi o supile fa tiro ya go aga borogo mo molelwaneng wa Ramotswa e tsweletse, mme mo gare ga matshwitshwiti a a neng a ikopetse tiro, go hirilwe batswana ba le bararo fela mo go palong ya masome a mararo e e hirilweng, ntle le lekgolo le ba neng ba le solofeditswe. O supile fa kompone ya Afrika Borwa ya Steffanufi, e le yone e abetsweng tiro e, mme ba supile fa ba tla a bo ba dirisa metshine thata go dira tiro e.

O boletse gape fa ba molelwane wa Afrika Borwa ba supa fa ba tshwenngwa ke dikgomo tsa Balete tse di gobeyang kwa molelwaneng oo.

Erile ba mo kgwa dikgaba, Balete ba supa fa ba lebogela tiro e ntle e baeteledipele ba bone ba e dirang, ba kopile gore e re fa go tlhabololwa temo ya nosetso kwa Mogobane, go lengwe dijo tsa leruo gore ba tle ba rekisetse barui.

Ba kopile gape ba Development Trust, gore ba ele tlhoko batho ba ba ikopelang tiro e e phatladiwang, ka jaana ba e kopa ka madi a a kwa tlase, mme e re morago ba phetsoge ba supa fa ba lebetse dilo dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Mar 2015