Breaking News

Badirelapuso ba botlhokwa - Ntlhaile

12 Mar 2015

Mopalamente wa kgaolo ya Jwaneng-Mabutsane, Rre Shawn Ntlhaile, a re badirelapuso ba na le seabe se segolo mo go godiseng itsholelo ya lefatshe gammogo le go tlisa ditlhabololo.

E rile a bua kwa phuthegong e a neng a buisa badirelapuso mo Jwaneng bosheng, Rre Ntlhaile a re go botlhokwa gore jaaka moeteledipele wa kgaolo a ba lekole a bone gore ba tshwere jang tiro ya puso le gone go utlwa ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.

A re  e re ka jaana badirelapuso le baeteledipele ba sapolotiki ba itlamile go isa ditirelo kwa setshabeng, go tshwanetse ga nna le tshwaragano ga reng ga bobedi jo go bona gore go tokafadiwa jang ditirelo. 

A re ere ntswa dikgwetlho di se kake tsa fedisiwa ka ponyo ya leitlho, go di tshwaraganela go ka thusa go tla ka maano a go di rarabolola gore maitlamo a go thusa Batswana a tle a atlege.

O ne a kopa gore go nne le tirisanyommogo fa gare ga maphata a puso gore le didirisiwa tse di leng teng di aroganngwe gore tiro e tswelele.

O ba rotloeditse gape gore ba nonotshe boloko jwa bone kwa makgotleng a babereki gore a tswelele ka go gakolola puso ka fa babereki b aka thusiwang ka teng go dira tiro ya bone ka manontlhotlho.

Erile a mo kgwa dikgaba, Rre Mothusiemang Malwetsi wa lephata la makgotla a Setswana a re ere ntswa badirelapuso ba le botlhokwa mo go humiseng lefatshe, mo Botswana go lebega ba beilwe ka fa mosing. 

A re go lebaka le leleele badirelapuso ba lefatshe leno bas a okelediwe dituelo ntswe ditlhwatlhwa ko mabentleleng tsone di gola kgapetsa kgapetsa.

A re ere ntswa go dirilwe maiteko a gore dikgang ts badirelapuso di buelwe kwa khuduthamageng ya Bargaining Council, selo se ga se ise se solegele badirelapuso ka sepe ka jaana dikgang tsa bone ka bontsi ga di atlege.

O kopile gore puso e ititeye ka thupana e supe fa e lemoga seabe sa badirelapuso mo go godiseng itsholelo ya lefatshe leno gore le bone ba tle ba kgothatsege. 

A re ere ntswa a amogela gore go ne ga nna le kwelotlase ya itsholelo mo dingwageng tse di fetileng, go tshwanetse jaanong ga supa pgarologanyo ka jaana itsholelo e supilwe fa e tokafetse.

Rre Masolotate Balefi go tswa kwa lephateng la ditsela tsa khansele ene o ne a bolelela mopalamente fa letlhoko la boroko jwa badirelapuso mo toropong ya Jwaneng le gakadiwa ke gore puso e tsaya lobaka lo lo leele go aba ditsha tsa bonno. A re go tshwanetse ga fefosiwa kabo ya ditsha gore batho ba kgone go ikagela ba santse ba bereka ba le dithata gore seemo sa boroko se tokafale.

Mo godimo ga moo, o ne a tlhalosa fa ditsha tsa toropo di le dinnye mo go kgoreletsang beng ba tsone go gweba ka tsone gore ba kgone go bona letseno la madi.

E ntse ele mo dikgannyeng tsa boroko, Mme Batlare Mmapadi ene go tswa kwa khanseleng o ne a ngongorega ka matlo a a itsegeng ka leina la Samaphaleche a a senang motlakase le diheke. 

O ne a kopa gore bogolo ba tsenyediwe diheke ba kgone go tswalela loruo lo lo gobeyang mo toropong ka gore lo a ba senyetsa. O ne gape a tlhalosa fa bana ba ba nnang kwa Samaphaleche bas a kgone go ithuta sentle ka jaana go sena motlakase.

Kwa bokhutlong, mothusa mokwaledi wa khansele ya Jwaneng Rre Leano Mokete o ne a lebogela mopalamente mowa wa therisanyo o ka one a boning go tshwanela gore a tle go lekola badirelapuso ba toropo eo. A re therisanyo e ke nngwe ya ditshetlana tse di nonosang puso ya batho ka batho e lefatshe leno le itsegeng ka lone.

Le fa go ntse jalo, Rre Mokete o ne a kopa gore dikgwetlho tse dingwe tsa badirelapuso di ne di buisanngwa kwa diofising tsa bone ka go farologana gore di batlelwe tharabololo.

 A re dipuisanyo tsa mohuta o di ka thusa gona le gore go emelwe diphuthego tsa mopalamente. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Phuthego ya mopalamente le badirelapuso

Date : 12 Mar 2015