Breaking News

Tlhaelo ya ditlamelo e a kgoreletsa

11 Mar 2015

Tlhaelo ya ditlamelo kwa dikoleng ke nngwe ya dikgwetho tse di amang maduo a baithuti.

Se se tlhalosositswe ke mokhanselara yo o itlhophetsweng mo kgaolong ya Mahalapye bophirma, Rre Nametso Koma, fa a tshwaela mo pegong ya modulasetilo wa khansele ya legare beka ee fitileng kwa serowe.

Mokhanselara Koma o tlhalositse fa thaelo ya di dirisiwa mo dikolong jaaka dibuka, dipensele le matlwana a borutelo le dingwe tse baithuti ba di tlhokang go tokafatsa maduo a bone ele kgwetho mo baithuting. O tsweletse ka go kopa go re bana ba seka ba busiwa ko dikolong ka mabaka a gore ga ba a duela sekolo,a re se se dira gore ngwana a fetwe ke dithuto.

Mabapi le letlhoko la ditiro, Rre Koma a re seemo se patleletsa banana go di ra ditiro tsa borukutlhi di akeratsa tiriso ya ditagi magareng ga tse dingwe. Mo godimo ga moo,a re o tshwentswe thata ke go re fa banana ga batla ditiro ba batiwa go re ba bo ba na le sebaka se se rileng ba bareka mo go dimo ga dikitso tse di tseneletseng mo tirong.

Ka jalo, a re seemo se se ba baya ka fa mosing ka bontsi jwa bone bo sena sebaka le kitso e ntsi mo ditirong. Mokhanselara yo o itlhophetsweng mo kgaolo ya Mahalapye botlhaba Mme Bathonyana Bakwena o ne a lebogela puso go bo e kgonne go isa ditirelo dingwe ko bathong ba kgaolo ya gagwe e ntswa go na le ditlamelo dingwe tse di saletseng ko morago jaaka letlhoko la boroko mo ba bereking ba puso.

Mme Bakwena o ne a lebogela lenaneo la thibelo ya mogare go tsweng ko go mmangwana go yeng ko ngwaneng la Prevention of Mother-to-Child Transmission (PMTCT) ka a re le thusa thata mo kgaolong eo le fa bangwe ba sa ledirise sentle. Mme Bakwena a re o tshwentswe ke mokgwa wa go fitlisa baithuti ba lokwalo la bosupa go ya kwa sekolong se se golwane ntswa ba sa dira sentle.

Are seemo se se ama maduo a bone mo mephatong e latelangle mme se se isa thuto ya lefatshe leno ko tlase. Mokhanselare wa Mogapinyana mo kgaolong ya Mmadinare Mme Mmaletsatsi Nthobatsang o ne a lebogela lenaneo la ipelegeng gore le dira sentle e ntswa banana ba bonalang thata mo go lona. A re se ga se moitumedise ka banana ba tshwanetse goya dikolong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepiso Botshelo

Location : Serowe

Event : Phuthego

Date : 11 Mar 2015