Breaking News

Dipalo tsa boimana di a gola kwa Takatokwane

11 Mar 2015

Boimana jwa banana ba ba dingwaga tse di lesome le bone go ya ko go tse di lesome le boferabobedi, bo tsweletse ka go golela pele kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng.

Se se boletswe ke mooki yo o direlang kwa Takatokwane, Rre Abdenico Kenabatho mo phuthegong e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya boipelego ka maikaelelo a go amogana le baithuti ba sekolo se segolwane sa Mahupu ka ditlamelo tse ba ka di fitlhelang mo lephateng leo le bodiphatsa jwa go ikamanya le ditiro tsa botlhokatsebe ba sale babotlana.

Rre  Kenabatho o boletse fa ba itemogela dipalo tse di golelang pele tsa banana ba dingwaga tse di ko tlase ba ba iphitlhelang ba amega mo go imeng,seemo se se a supang se thobaetsa fela thata ka mebele ya bone e ise e lekane go rwala ngwana, ebile ba ise ba nne le boikarabelo jwa go ka nna batsadi.

A re go ima ga banana go supa fa  ba tlhakanela dikobo ba sa itshireletse mme se se ba tsenya gape mo  bodiphatseng jwa go tsenwa ke mogare wa HIV.

A re dipalo di supa fa banana e le bone ba amegang ka bontsi mo go iphitlheleng ba na le malwetsi a tlhakanelo dikobo le mogare wa HIV,mme a ba kaela fa go inaakanya le tsa tlhakanelo dikobo ba sa le babotlana go ba senyetsa bokamoso.

A re le ntswa lephata la botsogo le leka ka bojotlhe go tsibosa banana ba bodiphatsa jwa malwetsi a a farloganyeng,go lebega ba sa tsee se tsia ka e le bone ba amegang thata mo boimaneng mme a ba gakolola go tlhaloganya fa go le mo maruding a bone go itirela bokamaoso jo bo phepha,ka go tsaya ditshwetso tse di maleba.

O boletse fa sebe sa phiri e le gore seabe sa batsadi mo kgodisong ya bana se a tlhaela ke ka moo bana ba iphitlhelang ba wetse ka lemena,mme a ikuela mo batsading le setshaba ka kakaretso go nna le seabe mo go sireletseng bana ka e le bone bagogi ba lefatshe leno ba ka moso.
Mo go tse dingwe,rre Kenabatho a re bontsi jwa banni mo metsaneng e e farologanyeng bo tlhaela thuto ka mananeo a puso mme a tlatsa ka gore banni le bone ba maoto a tshupa go etelea ba botsogo go ya go ithuta mo go bone.

O ne a gakolola setshaba go dirisa ditlamelo tsa botsogo le go tsaya dikgato tse di maleba mabapi le botsogo jwa bone gammogo le jwa bana ka go tsibogela dikai tsa malwetsi a a itshupang  mo mebeleng ya bone gore ba thusiwe nako e sale teng go na le go emela gore bolwetsi bo gakale.

O ne gape a gatelela botlhokwa jwa go dirisa lenaneo la PMTCT le le thibelang mogare go tswa go mmangwana go ya leseeng.A re ntswa puso e thamile mananeo a tshwana le ebile Batswana ba le akola mahala, go ngomola pelo go bona go na le masea a a tsholwang  a na le mogare wa HIV. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego

Date : 11 Mar 2015