Thuto le botlhokatsebe ga se tsoora mmogo
11 Mar 2015
Baithuti ba sekolo se segolwane sa Mahupu kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba ba thusiwang ke puso ba gwetlhilwe go tsaya maikarabelo ka bokamoso jwa bone ka go tlhagafalela dithuto le go iphapa mo go ikamanyeng le ditiro tsa botlhokatsebe.
Raboipelego yo mogolwane kwa Takatokwane, Rre Gerald Mahumba, o buile se mo phuthegong e ba neng ba e rulagantse, go tlhatlhelela baithuti ka ditirelo tse ba ka di fitlhelang mo lephateng la boipelego, le go ba fa sebaka go ntsha maikutlo a bone mo go tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo botshelong.
A re e le ba ofisi ya boipelego ba itemogetse fa bana bangwe ba sa dire sentle mo dithutong tsa bone ka ba lebanwe ke dikgwetlho tse di farologanyeng di tshwana le kgokgontsho ya mo malwapeng, mme fela a ba gakolola go sa letlelela diemo tseo go phirimisa ditoro tsa bone.
O ba gakolotse go tlhaloganya fa go golela mo diemong tse di thata di tshwana le bosiela, bohutsana lehuma le tse dingwe go ka seke go ba paledise go fitlhelela ditoro tsa bone tsa botshelo,mme a ba kgotlhatsa gore ba seka ba inyatsa le go itlhoboga go fitlhelela dikeletso tsa bone.
O tlhalositse fa go sena ope yo o tsaletsweng go tshelela mo lehumeng a supa fa thuto e ka fedisa lehuma mo setshabeng.
A re thuto ka bo yone e ka fetola seemo sa botshelo e bile ke boswa jo motho a ka sekeng a bo amogwa ke ope,mme a ba lemotsha gore se ba se dirang mo nakong eno ke sone se se tla agang bokamoso jwa bone.
A re ka jaana go lemosegile fa bana ba ba golang ba sena batsadi ba lebanwe ke dikgwetlho tsa botshelo tse di farologanyeng go botlhokwa gore ka nako tsotlhe ba ikgolaganye le ba boipelego go kopa bogakolodi gore ba sidilwe maikutlo le gone go tswa ka maano a a ka thusang go fedisa dikgwetlho tseo.
Go ntse go le foo, Rre Mahumba o ne a lemotsha baithuti fa ba tshwenyegile ka baithuti bangwe ba ba sa tlhokomeleng dithuso tse ba abelwang, mme a ba gakolola go emisa mokgwa a kaya fa puso e ba abela dithuso gore ba seka ba farologana le bana ba bangwe.
Fa a ama bana bao ka lefoko,mooki go tswa kokelwaneng ya motse, Mme Bontle Moepi o ne a ba gakolola gore ba seka ba ikamanya le dikgang tsa botlhokatsebe di tshwana le go tlhakanela dikobo ba sa le babotlana ka go ka baka gore ba ime mme ba senyegelwe ke sekolo.
A re go ima mmangwana a sale monnye ga go mo senyetse sekolo fela,mme gape ga go a siamela botsogo ka jaana mmele wa bo o ise o nne mo seemong se se siameng sa go tshegetsa boimana joo, e bile go mo tsenya mo diphatsheng tsa go iphitlhela a tsenwe ke mogare wa HIV, mme ka jalo a ba kgotlhatsa go ikgapha gotlhelele mo go tsa tlhakanelo dikobo.
Morutabana wa tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo kwa sekolong seo, Mme Dithapelo Boithatelo o ne a kopa baithuti go tlhaloganya fa puso e dirisa madimadi go ba rekela tse ba di tlhokang mo loetong la bone la thuto di tshwana le paka ya sekolo mme a ba gakolola go somarela dithuso tseo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego
Date : 11 Mar 2015