Lore lo ojwa lo sa le metsi
11 Mar 2015
Moruti wa kereke ya Methodist kwa Kanye, Mme Lily Keogotsitse, o rotloeditse batsadi go godisetsa bana ba bone mo kerekeng le go ba ruta go rapela le go obamela modimo go simolola kwa bonnyeng ja bone.
Moruti Keogotsitse o buile jalo mo letsatsing la kabo dimpho tsa bopelotlhomoki ko lifelong la Lesedi Counselling Centre, ko go neng go abelwa bana ba dingwaga tse pedi go ya lesome le bone baba batlhoki, ba ba tlhokileng lesego, dikhutsana, ba ba lwalang, le ba ba tsenang dikole tsa sontaga (Sunday school) mo kanye ka bofelo ja beke. Magosogoso a dimpho a ne a tswa mo mokgatlhong wa bopelotlhomogi wa Samaritan Purse wa ko moseja.
O boletse fa bana e le baruti le bagogi ba kamoso ka jalo ba tshwanetse go godisiwa sentle ka mafoko a modimo. Moruti Keogotsitse o boletse fa bana el e bone ba ruang bogosi ja legodimo a bolela fa mo baebeleng go na le padi ee bolelang gore ‘’lesang bana batle go nna gonne bogosi ja legodimo ke ja bone’’. A re bananyana bogolo jang ba basetsanyana ba tshabelelwa ke dihawa jaaka go thubediwa le go sotlwa ke ba masika fa ba tlogetswe ke batsadi.
Fa a lebogela dimpho tseo mokhanselara wa Marapalalo mo Kanye Rre Kabelo Lemme a lebogela Samaritan Purse go bo ba bone go le botlhokwa go thusa bana ba ba tlhokileng lesego. A re go aba go tshwanetse ga dirwa ka botswapelo e seng go sotla ba bangwe ke gore ke batlhoki. Mokhanselara Lemme o boletse fa go segofatswa letsogo le le abang go na le le le amogelang.o ba kopile go somarela tse ba di filweng thata.
A kgotlhatsa batsadi go nna ba bua mafoko a a molemo fa pele ga bana ba bone, a re ba rutwe molemo le bosula. O kopile batsadi go ruta bana ba bone botho, a re bana ba tshwanetse ba rongwa, ba seka ba rogana, ba utswa le go bua maaka. A re ga ba tshwanela go lwa le babangwe. Fa mogokaganyi wa Samaritan Purse mo kgaolong ya borwa Mme Khumo Gideon a re lekalana la bone le thusa thata bogolo jang bana ba ba tsenang Sunday schools mo dikerekeng tsedi farologaneng.
A re go dira jalo ke go ruta bana go rapela le tshwara molao wa Setswana le go itsi modimo. Mme Gideon o boletse fa ba fa lerato, are ba supa ka go aba eseng go bua ka dipounama fela. A re ba tshwanetse go rata bang ka bone jaaka ba ithata. Dimpho di ne di akaretsa dimonamone, tsedi tlhapang, dibuka le tse dinngwe tsedi tshamekang le dijonyana.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : kanye
Event : Kabo dimpho
Date : 11 Mar 2015