Breaking News

Ofisi ya mopalamente wa Ramotswa e butswe

11 Mar 2015

Mopalamente wa Ramotswa, Rre Samuel Rantuana, o tlhalositse fa ofisi ya gagwe e setse e butswe, mme botlhe ba ba batlang go kopa thuso kwa go yone, ba ka tswelela ba dira jalo, a bo a supa fa ofisi eo e direla fa mopalamente wa pele Rre Odirile Motlhale a neng a berekela teng.

Rre Rantuana o supile gore palamente e dumalanye go ntsha madi a lekgetho mo dijong dingwe jaaka phaleche le mo digoging tsa temo.

O supile gape fa tona wa tsa madi Rre Kenneth Mathambo, a kopile gore lenaneo la ditlhabololo la lesome le bongwe la ngwaga wa 2015/16, le boele morago ka ngwaga, gore go baakanyediwe tebelopele e ntsha ya setshaba, se se raya gore ga gona go nna le ditlhabololo dipe mo ngwageng e.

Rre Rantuana o boletse fa lefatshe le ntse le le mo selelong sa madi, mme go supagala fa seemo se tokafala.
Mothusa Kgosi ya Balete Kgosi Tsimane Mokgosi, o supile fa kgosikgolo Mosadi Seboko, a ntse a tsamaya le kgaolo go buisana le morafe wa gagwe ka go tsosolosa temo ya nosetso kwa motseng wa Mogobane.

O boletse fa kompone nngwe e e tswang kwa Ennyelane, e itlamile go thusa ka madi mo tirong eo, mme ba santse ba le mo dipuisanyong. Kgosi Mokgosi o tlhalositse fa ba Rural Development Plan, ba ntshitse P10 million go tsweledisa tiro e, mme e eteletswe pele ke ba Bagamalete Development Trust. O supile fa mothusa tona wa pele Rre Ponatshego Kedikilwe, a ne a eleditse go bona tiro e simolola pele ga a tlogela tiro, mme ga go a kgonagala.

O boletse gape fa ba dira moalo wa go nosetsa, mme ba tla a lema diekere di le tlhano fela, ka lebaka la metsi a a leng teng a sediba, mme ba tla a dira moriti mo diekereng di le tharo.
Erile fa ba tswa la bone, Balete ba supa fa ba solofela fa ofisi ya ga mopalamente e tla a thusa morafe ka tekatekanyo, ba sa lebe gore motho o tswa mo phathing efe. Ba supile gape fa morafe o tshwanetse go tshwaragana ba dira ditlhabololo, ba sa kgaoganngwe ke diphathi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Ramotswa

Event : Phuthego

Date : 11 Mar 2015