Tshireletso o akgola Sabata
11 Mar 2015
Mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, o akgoletse badumedi ba kereke ya Sabata go nna le seabe mo go tokafatseng matshelo a Batswana ba ba sa tlholeng bana le dithata tsa go itirela ntateng ya bogodi.
Mme Tshireletso yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba o dirile kakgolo e mo moletlong o neng o rulagantswe ke bakeresete ba kereke ya Sabata mo Mahalapye Mopitlo a le malatsi a robabobedi go abela bagodi ba kereke eo dimpho tsa diaparo go supa lorato le tloto mo go bone.
A re ke boitumelo jo bogolo go bona baeteledipele ba dikereke le balatedi ba diphuthego tsa bone ba tsweletse ka go thusana le mmuso go tlhokomela bagodi ka ele bone ba ba tlhodileng e bile ba diretse lefatshe leno ditlhabololo dile mmalwa faesale lefatshe leno le tsaya ipuso mo go Mmamosadinyana.
Mme Tshireletso o rile ere ka bagodi ba lefatshe leno ba nnile le seabe se se tona mo go sireletseng lefatshe leno le go tsweledisa ditiro tsa ditlhabololo ka boithaopo, ke sone se puso ya lefatshe la Botswana e neng ya dumelana mogopolo wa go atswa bagodi ka sengwe kgwedi le kgwedi le go thusa ba eleng batlhoki ka dijo tsa mophako ele tsela nngwe ya go ba tlota le go ba neela seriti se se ba tshwanetseng.
Mothusa tona o rile ke boikarabelo jwa dikereke go gogela Batswana segolo jang banana kwa dikerekeng goya go ba ruta maitsholo a batho ba tshwanetseng go itshwara ka one le go ba sokolola ka go ba rerela lefoko la Modimo. Mme Tshireletso yo a neng a patilwe ke molaodi wa kgaolo potlana ya Mahalapye Mme Malebogo Ramatu, a re ke tshwanelo ya bone ele babusi ba lefatshe la Botswana go akgola kereke ya Sabata le baeteledipele ba yone ka ba nnile le seabe se se golo mo go tlhabololeng thuto ya lefatshe leno ka go aga dikole dile mmalwa tse dipotlana le go aga kokelo kwa motsing wa Kanye.
Mo moletlong oo, o neng o tsenwe ke bagodi ba kereke ya Sabata go tsweng kwa dikgaolong tsa Tutume, Francistown, Tonota, Boteti, Serowe, Phikwe, Palapye, Shoshong, Mahalapye, Bobirwa, Sefhare / Ramokgonami le kgaolo ya Lerala / Maunatlala, Mme Tshireletso one a abela Mme Kenakgang Gabalebatse P200 go bo ele ene mogodi yo a neng a fetla ba bangwe ka dingwaga mo tirong eo.
E rile kgosi Tsoebebe Duncan Segotsi wa Mahalapye a amogela baeng mo motsing wa gagwe, a lebogela bakeresete ba kereke ya Sabata go direla bagodi tiro e ntle ya go ba direla dijo tsa motshegare le go ba abela diaparo go supa lorato tlotlo mo go bone ka Setswana sere tlotla mmago le Rraago gore malatsi a gago a tle a oketsege.
Moeteledipele wa kereke ya Sabata mo Botswana Moruti Kenaope Kenaope, o tlhalositse fa kereke ya Sabata e tsene mo Botswana ka ngwaga wa 1921 ka maikaelelo a go itebaganya le go tokafatsa seemo sa botsogo jwa batho jaaka e kgonne go aga kokelo ya Sabata kwa Kanye le go aga dikole dile mokawana mo lefatsheng leno ka maikaelelo a go tlhabolola tsamaiso ya thuto ya dikoleng tse dipotlana.
Moeteledipele wa mokgatlho wa bomme ba kereke eo mmaetsho Susan Williams o boletse fa maikemisetso a mokgatlho wa bone ele go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana mo malwapeng, tlhakanelo dikobo le bana ba ba dingwaga di kwa tlase ga lesome le borataro, go ngokela banana mo dikerekeng le go rutela basadi ba lefatshe leno ditiro tse ba ka itshetsang ka tsone gona le go ikaega ka borre.
O akgoletse Rre Williams yo eleng monna wa gagwe go ba thusa mo go kopeleng bagodi ba kereke eo dimpho tsa diaparo, dikobo le melora e tlhapang.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Mahalapye
Event : Moletlo
Date : 11 Mar 2015