Madigele o tlhola badiredi
10 Mar 2015
Mothusa tona wa tsa botsogo, Dr Alfred Madigele o ne a etetse Selebi Phikwe go lekola sepatela le dikokelwana tsa toropo eo.
O ne a leboga lephata la botsogo kwa Selebi Phikwe ka ke lengwe la a dirang bontle thata mo go neeleng setshaba thuso mo go tsa kalafi. Lephata leo le tsere maemo a bobedi ka go thomagana ka ngwaga wa 2012 le 2013.
A re sepatela se ga se thuse banni ba toropo ya Selebi Phikwe ba le bosi, mme se thusa le ba mafelo a a mabapi jaaka Bobonong le Mmadinare ga mmogo le dikokelwana tsa dikgaolwana tse di kgakala jaaka Gojwane le Serule.
Dr Madigele a re o lemoga fa kokelwana ya Botshabelo le Tapologo di sa tswalwe le gore dikokelwana tseo di na le tsa pelegi se e leng maiteko a a kgotsofatsang.
A re o itumelela gore phetogo e e dirilweng kwa dikokelwaneng ya gore di seka tsa tswalwa e fokoditse mosuke kwa sepateleng.
A re go bulwa ga ntlo ya pelegi kwa kokelwaneng ya Sesame ke maiteko a matona thata ka batho ga ba latele ditlamelo kgakala. Ga a wetsa tona o ne are o kgotsofalela kalafi e maokelong otlhe le e e ko mabeelong. A re kanamiso ya diritibatsi tsa mogare wa HIV le yone e a nametsa ka dikokelwana tsotlhe mo toropong di fa kalafi eo Mosupologo go ema Labotlhano.
Fa ba latlhela la bone baoki le babereki ba ne ba ngongorega ka letlhoko la boroko le tlhaelo e e tseneletseng ya dikoloi tse di pegang balwetse.
Ba ne ba ngongorega le ka bodiredi jo bo tlhaelang ka bo ba paledisa go dira tiroya bone ka bonokopila mo balwetse ba felelang basa itumelela thuso ya bone. Ba ne bakopa gore mo kabong ya madi ya ngwaga ono ba rekelwe dikoloi tse di pegang balwetse le di dirisiwa tsa itshireletso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Busang
Location : Selebi Phikwe
Event : Loeto
Date : 10 Mar 2015