Bomme ba kgalelwa go inyatsa
10 Mar 2015
Kgosi Paul Motshwane wa lekgotla la Setswana la Gerald Estates kwa Francistown o gwetlhile bomme kwa Sebina go emisa mokgwa wa go inyenyafatsa le go inyatsa.
A re o tshwenngwa thata ke mokgwa wa bomme ka bontsi wa go supa fa ba ka seke ba kgone segolo jang fa go tla mo ditirong tse di tlhokang kemedi ya bone. Kgosi Motshwane a re bomme ba tshwanetse go dumela fa ba na le bokgoni e bile ka jalo ba tshwanetse ba tlhomamisa gore ba ikemela ka dinao.
A re go ipelaela ga bomme ga go a lebana ka bontsi jwa ditiro tse di dirwang ke borre di ka seke ka tsela epe tsa palela bomme. Kgosi Motshwane a re ka ntlha ya se, bomme ba tshwanetse go tsenya tlhogo go lekeletsa ditiro tse di farologaneng go tlhola gore a ba ka di kgona.
“Fa o tsena mo dikolong tse di botlana, o fitlhela palo ya barutabana ba bomme e le kwa godimo mme mo go tse dikgolwane e le potlana, ka bomme ba dumela fa dithuto tse di dirwang koo ka bontsi di tshwanetswe go rutwa ke borre fela,” ga bua Kgosi Motshwane. A re seo se gogela bomme kwa morago go tsenya letsogo mo ditirong tsa lefatshe le, ka jalo go nna o kare ba gateletswe.
Kgosi Motshwane a re e re le ntswa borre ba ema bomme nokeng jaaka mo mererong ya tsa sepolotiki, bomme ga baa tshwaragana ka go supagala fa dipalo tsa bone di le kwa tlase kwa palamenteng le fa ba le palo ntsi mo lefatsheng le.
A re bomme ba tshwanetse go rotloetsana gore le bone lentswe la bone le kgone go utlwala botoka.
Gape a re go tshegetsana go ka dira gore ba kgone go nna le ba ba ba buelelang fa go tla mo melaong e e diragadiwang mo lefatsheng leno, go tlhomamisa gore ga go nne jaaka e kete ba kgaphelwa kwa ntle.
Kgosi Motshwane a re se se ka ba sologela molemo ka jaana batho ba bomme ba itse dikgwetlho tsa bone botoka. A re le fa gone lefatshe la Botswana le gatetse pele go fitlhelela maitlamo a lone a go ema bomme nokeng, le santse le lebanwe ke dikgwetlho tse di itsang bomme go gola mo lefatsheng le.
O boletse gore le mororo go tlhamilwe mekgatlho e e thusang go lwantsha kgokgontsho ya bomme mo malwapeng, mafelo a mangwe a santse a gateletswe ke kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana ka ntlha ya gore bomme ba goga dinao go kopa dithuso.
A re bana ba basetsana le bone ba na le go ikokela mathata a a felelang a baka kgokgontsho ka ba sa batle go ipatlela ditsela tsa itshetso. A re kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana, e santse e apesitse lefatshe leno kobo ka letshoba. Ka jalo o ne a rotloetsa mokgatlho wa Kagisano Society Women’s Shelter go tshwara ka natla go thusa go lwantsha kgokgontsho ya bomme mo motseng oo.
Kgosi Motshwane o gwetlhile banni ba motse wa Sebina go tshwaragana go thusana go fenya dikgopi tsotlhe tse ba kopanang natso mo motseng wa bone. A re bomme le bone ba na le dithata tsa go tsaya ditshwetso mo malwapeng, ka jalo ba seka ba letlelela go gatelelwa ke borre ba ba tshelang le bone.O bile a re ba tshwanetse go ikuela nako e sa le teng fa go nale dikai tsa kgokgontsho, a supa fa puso e tsweletse ka go dira bontle go inola bomme mo lehumeng.
E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa mokgatlho wa Kagisano Society Women’s Shelter Rre Emmanuel Mathambo o tlhalositse fa bomme ba santse ba bipa mathata a ba kopanang nao mo malwapeng a bone. Mothusa-modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Ednah Setimela a re bomme ka bontsi ba santse ba tlhaela kitso mo dilong di le mmalwa.
A re bomme ba tshwanetse go rotloediwa mo go tseneletseng gore ba kgone go ikemela ka dinao. O tladitse ka gore letlhoko la ditiro le lone le santse le gateletse bomme fela thata mme seo se tshwanetse sa tsibogelwa. Bomme ba motse wa Sebina ba ne ba itlama go emana nokeng go lwantsha dikgwetlho tse ba kopanang natso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : Sebina
Event : Phuthego
Date : 10 Mar 2015