Breaking News

Salakae o lekola banana

10 Mar 2015

Mopalamente Noah Salakae wa Ghanzi Bokone o ne a na le bokopano le banana ba kgaolo ya gagwe ka mafelo a beke go utlwa matshwenyego a bone.

Mopalamente Salakae a re maikaelelo a bokopano joo ke go fa banana lesedi la gore kgaolo ya bone e ka tlhabologe jang. Mme e rile ba mo kgwa dikgaba, ba mo lebogela go bo a tsere nako ya gagwe go tla go kopana le bone mme a reetsa dilelo tsa bone. 

Banana ba ne ba gatella thata ka letlhoko la ditiro mo toropong ya bone ya Ghanzi, mme ba re le fa ntswa go na le mananeo a puso e a beileng pele, banana ga ba kgone go tsena thata mo go one ka jaana a sa atolose ditirelo tse di bapileng le mananeo ao (service sectors).

Nngwe ya mananeo a neng ba supa fa a tlhokana le gore a atolosiwe ditirelo ke lenaneo le le fiwang banana la balemi barui (Young Farmers Fund). Ba gakolotse Moplamanete gore lenaneo le le tlhokana le gore le seka la remelela thata fela mo go feng banana dikgomo; ba kaa fa ese monana mongwe le mongwe yo o nang le bokgoni jwa go tlhokomela dikgomo mme a ntsha maduo a nametsang.

Ba boletse fa ese mongwe le mongwe wa banana yo eletsang go rua dikgomo; mme ba tlhalosa gore e ntse ele mo mohameng wa tsa thuo kana temo thuo, bone ele banana ba na le dikeletso tsa go tsamaisa diselaga kana matlhabelo, le nngwe le nngwe tirelo e bonwang mo mohameng wa tsa temo thuo.

Mme ka jalo ba kopile gore ba sekegelwe tsebe le bone ba thusiwe ka mananeo le madi gore ba kgone ba nne le dikgwebo tse di tla thusang go godisa temo thuo mo lefatsheng la Botswana e bile a bo a tiisa one mananeo a leng teng a temo thuo.

Mo go tse dingwe ba ne ba ngongoregela tsamaiso e leng teng mo bodireding jwa khansele ya Ghanzi. Ba tlhalositse fa tsamaiso ele e sokameng ebile e baa ka fa mosing bao ba senang masika le boeteledipele jwa khansele ya Ghanzi. Ba ikuetse mo mopalamenteng gore fa ele tsamaio ya dikabo tsa ditiro yone ke e ngomolang pelo, ba re ntswa ba na le dikgwebo tse di tsamisang ditirelo tseo, ga go nko e tswang lemina ka jaana ba senke ba bona ditiro mme go na le ba eleng gore ba di bona ka metlha yotlhe.

Ntsba ne ba ngongoregela tsamaiso ka bontsi, ba kgadile gape ba sa kgwe mathe ka boitsholo jwa banana ba Ghanzi jo ba reng bo ba paledisa go itshetsa ka mananeo a leng teng.

Rre Tony Sebabi o ne a kgala thata banana a re ba ineetse nnotagi le maitiso fela mme ga ba tsenelle diphuthego tse di bidiwang gore ba itseele ka tsebe tse ba di tsisediwang ke puso le bagolwane Sebabi o ne a kopa mopalamente gape gore puso e ba gopole ka lebala la metshameko, a re kgaolo ya Ghanzi e na le talente e ntsi thata bogolo jang mo go tsa mabelo.

A re keletso ya bone ke go bona talente ya bana e godiiswa go feta kwa dikolong jaaka go ntse. Mme Mopalamente Salakae o ne a ba gakolola go tsaa tshwetso le karolo mo matshelong a bone gore ba kgone go fitlhella ditoro tsa bone mo botshelong. Salakae o ba solofeditse gore o tla lebelela dingongorego tsa bone mme a di atlhe atlhe le ba ba lebaneng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : Ghanzi

Event : Bokopano

Date : 10 Mar 2015