Majwe mining e abela kgotla ya Werda
10 Mar 2015
Go ne go le boitumelo jo bogolo thata kwa kgotleng ya Werda bosheng jaaka morafe wa motse oo o ne o amogela dimpho tsa didirisiwa tsa ofisi ya kgotla ya Werda go tswa mo khamphaning ya Majwe Mining Joint Venture.
Fa aba dimpho tseo tse di ka lopileng madi aa kanang ka P50 000 mookamedi wa Majwe ,Rre Rod Fraser o ne a tlhalosa fa ba tlhamilwe ka dikompone tse tharo tse di tswang kwa lefatsheng la Australia, Afrika Borwa le Botswana.
A re ba thapilwe ke ba moepo wa Debswana kwa Jwaneng mme tiro e kgolo ya bone e le go ntsha leswe lotlhe le le tswang kwa moepeong oo le tshwana le majwe a go ntshitsweng teemane mo go one le tse dingwe.
Rre Fraser o ne a kaya fa gape maikaelelo magolo a bone e le go tshwaragana le go thusana le puso ka go otlola letsogo ka go tokofatsa itsholelo ka go thusa setshaba bogolo jang mekgatlho ya bopelotlhomogi mo metseng ee farologanyeng , merafe le maphata a puso mo lefatsheng leno ka puso e ka seke e kgone e le nosi.
A kaya fa “setshwarwa ke ntsa pedi se se thata”
O kaile fa Rre Dick Kalantle mokwaledi mogolo wa toropo ya Jwaneng yo e leng ngwana wa motse oo e le ene yo o ne neng a ba tshwaraganya le ba ofisi ya makgotla a setswana ka go kopa dimpho tsa ofisi tse di neng di tlhaela mo ofising eo.
Mookamedi wa moepo wa Majwe Mining o ne a supa fa e le badiri ba moepo ba ne ba bona go le botlhokwa go thusa ofisi ya kgotla ya motse oo ka dimpho tse ba di dirisitseng mme di le mo seemong se se itekanetseng di akaretsa ditafole di le 8, ditilo di le 16, dikobotlo tsa mefuta ee faorloganyeng di le 19.
Rre Fraser o ne a tlhomamisa fa ba tla tswelela ka go thusa goromenete wa lefatshe leno gongwe le gongwe fa go tlhokegang thuso teng mme a gwetlha dikompone tse dingwe go tsaya malebela mo go bone.
Sebui sa tlotla sa letsatsi leo mothusa molaodi mo kagolong ya kgalagadi Rre Patrick Isaac o ne a galaletsa thata mookamedi wa Majwe Mining le badiri ka ene ka tiro e ntle e ba e dirileng ka ba diragaditse lengwe la matshego a tebelo pele 2016 aa “tshaba ee kgathalang ka ba bangwee ebile e le pelotlhomogi”
Mothusa moalodi o ne a supa fa dirile seo ka nako e tshwaneng ka nako e puso e santseng e tshwere phage ka mangana mme e ka kgone go reka didirisiwa tse di lekaneng mo diofising tsa maphata aa puso aa farologanyeng ka ntlha ya kwelo tase ya itsholelo.
Fa a leboga mokhanselara Rre Hendry Louu o ne a popotha legatlha ba moepo mme a kopa ba ofisi eo le go dirisa dimpho tseo ka fa go tshwanetseng ka teng ka e le tsa moarfe wa Werda , a kaya fa motse wa Werda o na le batlhoki ba bantsi mme a ba kopa gore mo nakong ee tlang ba gopole le ba- na- le- bogole ka gantsi ba lebalesega mme ba tlhoka dithuso tse di maleba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Kabo ya dimpho
Date : 10 Mar 2015