SELEBO e ipelela katlego
10 Mar 2015
Molomaganya ditiro wa Botswana International University of Science and Technology (BUIST), Mme Leapotswe Bantsi, o tlhalositse gore maduo a mantle a dirwa ke go tsaya tiro ka tlhwaafalo le go bereka ka natla.
O ne a bua jaana kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke kgaolo ya Selebi Phikwe-Bobonong e itsegang ka leina la SELEBO. Moletlo o ne o rulaganyeditswe go abela bana ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa bone tsa ngwaga wa 2013 /2014 le badiri ba ba berekelang kwa dikolong.
Mme Bantsi o ne a tlhalosa gore motho ke ene a ka bopang botshelo jwa gagwe go nna se a batlang go nna sone.
O ne a tlhalosa gore mo malatsing a gompieno batho ba kopana le dikgwetlho tse di farologaneng, dingwe e le tse di kgoberang maikutlo fa tse dingwe e le tse di lebegang di siametse matshelo a batho, mme batho batshwanetse go bona tse di ka ba solofelang molemo.
Mme Bantsi o tsweletse ka gore lefatshe la Botswana le tshwanetse go nna mo seemong se batho ba lone ba ka iteisanang borathana le mafatshe a mangwe mo go tsa thuto. O ne a kgotlhatsa barutabana go tswelela ba ntsha thuto e e nang le boleng.
O ne a kgotlhatsa batsadi le baruta bana ba baneng ba tsene moleto go ema bana nokeng mo dithutong tsa bone le go ba letelela go nna se ba e letsang go nna sone mo botshelong.
Mogolwane mo go tsa thuto mo kgaolo potlana ya SELEBO mme Lilian Matshameko o ne a tlhalosa gore ba motlotlo ka go bo kgaolo ya bone e le yone e digogang kwa pele mo go direng sentle mo go tsa thuto go gaisa dikgaolo potlana tsa legare.
A re ba itlamile go bereka ka natla go ntsha maduo a a nang le boleng.
Mme Matshameko o ne a tlhalosa gore maikaelelo magolo a moletlo ke go lemoga boleng ja barutabana le bana ba ba dirileng sentle,go tsosolosa serodumo le go ba fa kgotlhatso go tswelela ba ntsha maduo.
Moletlo o ne o rotloeditswe ke ba Selebi Phikwe Muslim Association ka madi a a kana ka P29 500.
Erile a ntsha la gagwe modula setilo wa mokgatlho Rre Najumudeen Safiullah a tlhalosa gore ke maikaelelo a bone go thusa mo ditirong tsotlhe tse di amang morafe wa toropo ya Selebi Phikwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Moletlo wa kgaolo-potlana
Date : 10 Mar 2015






