Breaking News

Badiri ba botsogo ba ruta setshaba

10 Mar 2015

Badiri ba botsogo kwa Selebi Phikwe ba ne ba phuthile morafe go ba ruta ka ditirelo tse ba di fang setshaba le go tsaa megopolo mo go bone ka fa ba ka tokafatsang ditirelo tsa bone ka teng.

Rre Motlhalosi Tlotleng, yo o eleng mogolwane wa sepatela sa Selebi Phikwe, o tlhalositse gore batho ba tlhoka thuto e e tseneletseng gore barutwe ka koloi e e dirisiwang go thusa batho ba ba tlhokang thuso ya potlako.

Rre Tlotleng o tlhalositse gore koloi ya thuso ya potlako ga se e e rwalang balwetse kwa malwapeng a tlhalosa gore Batswana bangwe bana le mokgwa wa gore e re motho a ikutwa gore ga a tsoga a bo a nna fela a re koloi ya puso e teng e tshwanetse go mo latela kwa lwapeng. A tlhalosa gore puso ga ena madi a a lekaneng go nna ba latela balwetse kwa malwapeng.

Rre Tlotleng o tsweletse ka gore nako e tsile ya gore Batswana ba emele botsogo ja bone ka dinao. O tlhalositse gore puso e dirisa madi a mantsi go dira dipitso tsa botsogo le gone go dira dipapetlana tse di rutang ka tsa botsogo mme go gakgamatsa go bona batho ba santse ba goga dinao.

O tlhalositse gore Batswana ba tshwanetse go tsaa tsa botsogo ka tlhwaafalo ka gore ba fiwa ditlamelo tsa mahala mme kwa mafatsheng a mangwe batho ba sokola go di bona.

Mme Onalethata Nkwe yo eleng moanamisa mafoko wa Selebi Phikwe District Health Management Team o tlhalositse gore maikaelelo a botsogo pitso ke go fitlhelela batho ba ba sa kgoneng go ya dipateleng ka mabaka a a farologaneng le go tsaya megopolo mo bathong.

Mme Nkwe o ne a tlhalosa gore le fa se baneng ba se ikaeletse se sa dirafala ka bane ba solofetse batho ba ka tshwara lekgolo ba solofela gore molaetsa o tla goroga ka go bo baemedi ba dikgaolo tse di farologaneng ba ne ba le teng, a re o tshepha gore ba tla fitisetsa molaetsa kwa bathong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya badiri ba botsogo le morafe

Date : 10 Mar 2015