Banana ba batla thotloetso
10 Mar 2015
Banana ba kgotla ya Matlapana kwa Maun ba lela ka go tlhoka thotloetso go tswa mo batsading le bagolo ba motse gore ba tle ba kgone ba gatele pele.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa komiti ya banana bao, Rre Oarabile Johannes, a re ga ba itumedisiwe gape ke fa ba arabiwang ka teng ke bangwe ba ba baeteledi pele ba motse.
A re gape go lebega go sena ope yo o kgathalang go tsenya letsogo go thusa le go itse gore go direga eng ka bone. O ne a nankola dilo di tshwana le go tlhoka ofisi, gore batle ba kgone go simololola ditiro tsa bone mo go yone.
A re ka go tlhoka madi, ga gona gore batla bona jang ofisi, ka e batla madi a go e duelela kgwedi le kgwedi. Rre Johannes o ne a tlatsa ka gore le gone gore a laletse banana bokopano go mo tsaya lobaka e bile go felele nako tse dingwe bo sa atlege ka go sena one madi a go palama go tsamaya a ba laletsa.
A re gore a ba tshware ka mosokela tsebeng, ke gone gore go bo go na le matsananyana a go re a letse. Rre Johannes a re ke dilo dingwe tse di ka dirang gore komiti ya banana ba itsape kgotsa ba fele pelo. A le fa go le thata jalo, ga bana go fela pelo mme ba tlaa tswelela ka go ema ka dinao e bile ba ikitaya ka thupana go fitlhela ba bona se ba se batlang.
Moeteledipele yoo, a re ba nnile le bokopano le ba lekalana la Botswana Family Welfare Association (BOFWA) le ba University of Botswana (UB) Okavango Research Institute (ORI) mo Maun.
A re bokopano joo bo ne jwa ba tiisa mooko le go feta gore ba dire ka thata ka ba ne ba fiwa dikgakololo le go ba lebisa tsela gore ba tshwanelwa ke go leba kae. Rre Johannes o ne a rotloetsa banana ba motse gore komiti ya bone e tswelele e nne teng, ke gore ba tshwaragane mmogo gore batle ba kgone go ya golo gongwe le go tsenelela bokopano fa ba bo biletswa.
Fa a mo tlatsa, motshwara madi Mme Kemotho Phalalo a re ke boammaaruri ga ba na thotloetso mme ga ba kgone go dira sepe ka ntateng ya letlhoko la madi.
Mme Phalalo o ne a tlhalosa ka gore ga gona ntlo e e sa neleng mme fela fa baka tsenya pelo ya lorato, tiro ya bone e tla wela. BOKHUTLO
Source : Jennifer Merafe
Author : BOPA
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 10 Mar 2015