Breaking News

Twantsho tshenyetso setshaba e simolola kwa lwapeng

10 Mar 2015

Batsadi ba kopilwe go tsenya letsogo mo go lwantsheng tshenyetso setshaba ka go lebega e simolola mo malwapeng.

Seo se builwe ke mokhanselara wa Mahalapye Bogare, Rre Joseph Tjienda morago ga mogwanto wa go kokoanyetsa makgatlho wa Mahalapye Anti-Corruption Club madi.

O ne a tswelela kago tlhalosa fa tshenyetso setshaba e simolola mo lwapeng fa ngwana yo go sa itseweng a bereka a ta ka dithoto kana madi mo lwapeng mme motsadi a sa mo tseele epe kgatlo. O ne a kopa batsadi go kgalemela bana ba bone kgatlhanong le go ipha dithoto kana madi ka bokukuntshwane, go le ojwa le sale metsi go ka fokotsa tshenyetso sechaba mo lefatsheng la Botswana.

Mokhanselara one a thalosa fa tshenyetso sechaba ele chaka e e magale mabedi e e gopelang itsholelo ya lefatshe ebile e rontsha sechaba ditlamelo kafa e humisa motho ale mongwe hela yo o senyetsang sechaba.

Rre Tjienda one a akgola baithaopi ba ba tsereng kaloro mo mogwantong, one gape a ba rotoetsa maloko a mokgatho go ta go thalosetsa makhanselara a kgaolo ya Mahalapye ka moono wa mokgatho wa bone.

Fa a ntsha la gagwe mogolwane go tswa lekalaneng le le lwantshang tshenyetso setshaba (Directorate of Corruption and Economic Crimes- DCEC) Mme Esther Mokwenaotsile one a thalosa fa mokgatho wa Mahalapye Anti-Corruption Club o thamilwe ka ngwaga wa 2012 ke bana ba baneng ba fetsa mo dikolong tse di kgolwane bana le maikaelelo ago tswelela ba lwantsha tshenyetso sechaba. One a thalosa fa moono wa mokgatho o ele go tsibosa sechaba ka tshenyetso sechaba.

Mogwanto one wa kokoanyetsa mokgatho madi a a kanang ka P2 368.00. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Phidson Mojokeri

Location : MAHALAPYE

Event : Mogwanto wa go kokoanya madi

Date : 10 Mar 2015