Letsatsi la bomme le tshwanetse go tsewa ka tlhwaafalo
09 Mar 2015
Banni ba Bere ba rotloeditswe go tsibogela boleng jwa letsatsi la bomme ka gore ke lone le bomme ba le dirisang go ipelela tse ba di kgonneng mo go tsa itsholelo, le tse ba sa kgonang go di diragatsa le go bona tharabololo ya tsone.
Mogolwane go tswa ko lephateng la Merero ya Bong Mme Opelo Seetso a re ipelelo ya letsatsi le e simologile ko lefatsheng la America fa bomme ba ne ba lwela go tlhoka go tswharwa sentle mo tirong le dituelo tse di nnye ka ngwaga wa 1857, Mopitlo a le 8.
A re sepodisi le sesole se ne sa phatlalatsa dipopelelo tse mme bomme ba ne ba seka ba ipona tsapa ba boa gape morago ga dingwaga tse pedi ba tlhamile mokgatho wa pereko kgatlhanong le go sa tshwarwa sentle mo ditirong.
A re Mopitlo 8 ka ngwaga wa 1908 bomme ba le 15 000 ba ne ba gwanta mo mmileng wa toropo ya New York ba batla go bereka ka dinako tse di lekaneng, dituelo tse di botoka, tshwanelo ya go tlhopha le go emisa pereko ya bana.
Mma Seetso a re lefatshe la Botswana fela jaaka mafatshe a mangwe a maloko a United Nations le itlamile go diragatsa ditumalano tsa dikgang tsa bomme.
A re ipelelo ya letsatsi la bomme ke lengwe la maitlamo a go isa molaetsa ko morafeng, a re ka jalo go tlhokana le gore ba amogane maikhutlo le ditharabololo tsa mathata a a lebaganeng le bone.
A re mo ipelelong ya letsatsi le dikgang tse di remeletseng mo go bo mme ke tsa nyeletso lehuma, tseo ditshwetso, tsa thuto, tsa botsogo, ngwana wa mosetsana le dikgang tsa kgokgontsho ya bo mme.
A re maikaelelo a letsatsi le a mangwe ke go seka seka ka fa tekatekano ya bomme le bo rre e ntseng ka teng.
Mogwebi go tswa ko Bogal Investment Celina Bogale a re moono wa letsatsi le wa monongwaga wa “ngwaga tse di masome a mabedi go duwa Beijing, re fa kae?” (Beijing +20: Where are we?”) O tla morago ga phutego ya mafatshe fatshe ya bomme ko Beijing ka 1995.
A re puso ya lefatshe la Botswana e ne ya itlama go lwantsha di kgoreletsi dipe tse di bayang bomme ka fa mosing mme go remeletswe mo dintlheng di tswana, bomme le lehuma bomme mo maemong le tseo ditshwetso, thuto le katiso ya bomme, bomme le botsogo, kgokgontsho ya bomme le ditshwanelo tsa bone tsa setho le ngwana wa mosetsana.
A re setlhogo sa mono ngwaga se re gwetlha gore re itshekatsheke, re bone gore morago ga dingwaga di le masome mabedi go tswa ko bokopaanong jwa mafatshe-fatshe jwa bomme re fitlheletse eng.
Mma Bogale a re lefatshe la Botswana le dira go le gontsi go leka go tokafatsa seemo sa lehuma se se apereng bomme le bo rre ba lefatshe leno.
A re puso e tsile ka mananeo a a itebagantseng le seemo sa lehuma.
A re lephata le tshwana la Merero ya Bong le ntsha madi a a kana ka P250 000 go thusa bao b aba batlang go tokafatsa matshelo a bone ka go tsena mo dikgwebong, le go bapatsa dithoto tse di dirwang ke bomme ba Botswana lefatshe ka bophara ka go nna le ditsupo tsa bomme tse di dirwang ngwaga le ngwaga e le maiteko a go rekisa le go bapatsa dithoto tsa bone.
Kgosi ya motse wa Bere, Kgosi Kebonye Mangongorego a re o lebogela go bo lephata la Merero ya Bong le bo le ba etetse mo motseng wa gagwe go tla go fa banni molaetsa.
A re go le Gantsi mo motseng wa gagwe ba itemogela dikgang tsa kgokgontso mo go bomme e le ya motlhale wa di kiteo go tswa mo go bo rre bogolo jang fa go duwa mo marekisetsong a bojalwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lemogang Madumane
Location : GHANZI
Event : Letsatsi la bomme
Date : 09 Mar 2015