Breaking News

Mojanala o direla Bonatla keresemose

09 Mar 2015

Baithuti ba sekole se sebotlana sa Bonatla ba eleng dikhutsana ba ne ba tletse ka boitumelo morago ga gore mme mongwe wa mojanala go tswa kwa America a ba abele P10 000 gore ba dirilwe moletlo wa keresemose.

Bogogi jwa sekole seo bo ne jwa direla baithuti bao moletlo kwa Maduo Lodge kwa ban eng ba ja dijo tsa motshegare teng.

E ne ya re a tlhalosa ka mpho eo, mogokgo wa sekole, Mme Dorcus Sethoko a tlhalosa fa a ne a kopana le mme ebong Mme Patricia Cairns yoo yo o neng a patilwe monna wa gagwe ga mmogo le mogolwe kwa sekoleng sa Gxhabara jaaka ba ne ba abela baithuti didirisiwa tsa thuto jaaka dibuka, laptops le tse dingwe.

Boora Cairns ba e neng e le bajanala kwa makgobokgobong a Okavango ba ne itlhophela go simoldisa botsala le sekole sa Gxhabara. Mme Sethoko a re o ne a kopa Mme Cairns gore bas eke ba leba ntlha e lengwefela mme ba amogela kopo ya gagwe ka jaana e ne ya re go boeleng ko America ba tsweledisa go buisanya ka maranyane.

A re mo puisanyong ya bone o ne a kopiwa go romela maina otlhe a bana ba dikhutsana mo sekoleng mme ya re ngwaga o ya fifing ba romelelwa mpho ya madi gore ba ipelele malatsi a botsalo wa morena. E ne ya a ama baithuti ka lefoko, Mme Sethoko a ba kgothatsa go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo a supa bokamoso jwa bone bo le mo diatleng tsa bone. A re ke bone ba itseng se ba eletsang go nna sone fa ba fetsa sekole mme seo ba ka se fitlhelela fela fa ba ka dira sentle mo dithutong tsa bone.

O tsweletse a ba tlhalosetsa fa go latlhegelwa ke batsadi go sa reye gore botshelo bo fedile ka jaana ba ka fetola diemo tsa bona gore ba tshele botshelo job a bo eletsang.

Mme Sethoko o ba kgothaditse go tsena dikereke gore ba ithute go lefoko la Modimo ka le rotloetsa botshelo jo bo siamang. A re ba ikgaphe mo ditirong tse di ka ba senyetsang bokamoso.

Mogolwane wa boipelego Mme Masego Galeemelwe o ne a gwetlha baithuti bao go nna motlhotlho ka matshelo a bone a supa fa bangwe ba tswa mo malwapeng a itsholelo e leng tlase mme a ba rotloetsa go amogela seemo.

A re ga ba tshwanelwa go tsenwa ke mowa wa boitlhobogo mme se se botlhokwa ke go ipetlela tsela nako e sale teng. O tsweletse a re ba lebogile lorato le tlhokomelo e ba e fiwang ke ba batlhokomedi ba bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : kabo ya mpho

Date : 09 Mar 2015