Breaking News

Sekasekang mefuta e mengwe ya kgwebo - Malikongwa

09 Mar 2015

Banana ba gakolotswe go batla metlhale e mengwe ya dikgwebo go na le go rua dikgomo le dipodi ka lebaka la tlhagogo ya bolwetse jwa tlhako le molomo kgapetsa kgapetsa mo kgaolong ya bone.

Fa a bua mo leetong la gagwe la go lekola banana mo kgaolong eo kwa Maun, mokwaledi wa lephata la banana, metshameko le ngwao, Rre Lewis Malikongwa, o gokalotse banana go tlogela go kopa madi go rua dikgomo ka di sa dire sentle mo kgaolong ya bone.

O boletse gore le fa dikgomo tseo di ka atlega, ga go na kwa ba ka di rekisang teng e le fa go tsamayang teng tlhako le molomo.

Rre Malikongwa o tlhaloseditse banana fa go akanya ka bophara mo kgwebong go le botlhokwa mme a re go na le dikgwebo dingwe tse di dirang bontle fela thata mo kgaolong jaaka bojanala le ditlhapi.

O kopile banana go tlhama dikoporase tsa banana gore ba tle ba fiwe madi a a botokanyana go simolola dikgwebo ke lephata la gagwe. Mokwaledi yoo o boletse fa setlhopha sa banana se ka fiwa madi a a ka tshwarang sephatlo sa sedikadike, mme kgwebo e e leng teng gale e ka fiwa madi fa e ka supa fa e ka thapa dipalo tsa banana tse di utlwalang.

Rre Malikongwa o boletse fa batho botlhe ba ka seke ba nne bagwebi, ka jalo ba bangwe ba tshwanetse go bereka ba bangwe. Fa ba ntsha matshwenyego, mongwe wa banana Rre Tumelo White o boletse fa ba sa itumedisiwe ke thuso e ba e fiwang mo ofising ya banana.

O tlhalositse fa badiri ba lephata leo ba ba latlhelela, segolo jang fa ba botsa ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF). Rre White o ngongoregile thata ka tse di batliwang mo go bone fa ba batla go tsenelela lenaneo leo, jaaka ditlankana tsa tiro kgotsa tsa sekolo a re di ba baya ka fa mosing.

O boletse fa ene a na le bokgoni jwa go roka mesamo, diaparo le di mmete mme e le tiro e a sa e elang kwa sekolong, mme a e ithutetse mo lwapeng fela.

Monana yoo o kopile Rre Malikongwa go ba thusa thata ka go ba kopela lefatshe mo go ba lephata la kabo ditsha le matlo go godisa dikgwebo tsa bone ka ba na le kgwetlho ya tlhaelo ya lefatshe.

Fa a tswa la gagwe, Rre Atty Mokganedi, yoo mo lenaneong la Tirelo Sechaba, o le akgotse, ka a re le mo ntshitse mo mebileng ebile le mo rutile tiro. A re erile a simolola lenaneo leo, tlhogo ya gagwe e ne e omeletse fela, mme jaanong o kgona go tlhaloganya gore mmereko ke eng.

O supile boitumelo mo tokafatsong ya lenaneo le fa a re dinako tsa teng jaanong ga di mo beye mo tshiamelong ka a ka seke a ithute sentle ditiro tse dingwe tsa lephata la gagwe.

Rre Mokganedi o boletse fa nako e ncha ya go bereka go hitlhela ka dinako tsa motshegare e sa ba ema sentle ka jaanong ba ka seke ba tlhole ba tsamaya mosepele ya go ya go dira tiro mme ba hiwe malala ntle.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Atomic Thaba

Location : MAUN

Event : Loeto la mogolwane

Date : 09 Mar 2015