Breaking News

Malema o kopa kokelo e kgolwane

09 Mar 2015

Kgosi ya Bobonong, Rre Mmirwa Malema, a re kgaolo ya Bobonong e tshwanetse go nna le kokelo e kgolwane.

O buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buswa ke mothusa tona wa botsogo, Dr Alfred Madigele bosheng.

A re balwetse bangwe ba robaditswe mo mekgwatheng kwa kokelong a supa fa go ne gona le madi a kopa gore go agiwe kokelo e tona, e ka yone e ka amogelang balwetse ka kgaolo ya Bobonong ena le metse e mabapi.

Fa tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) Rre Boitumelo Kgosietsile o tlhalositse fa dikgwetlho tse diapereng kgaolo ya Bobonong ena le tlhaelo ya dingaka ka ditlhano fela ka palo,a supa fa kgang kgolo ga di a lekana,ka setshaba se nna mo meleng e meleele nako se letetse thuso,a tlatsa ka gore baoki ba masome a marataro le bongwe fela, a supa fa bale bararo ba fudusediwa kwa mafelong a mangwe.

A re ka tshwanelo ba ka bo ba le masome a marataro le boferabongwe ka jalo a supa tlhaelo ya baoki le dingaka e le kgwetlho. A re gona le dikokelwana di le pedi e leng Borotsi le Mabeleng kwa motseng wa Bobonong tse ka tsone di ka bo di atlolosiwa go thusa sepatela se setona go fokotsa mosuke.

A supa fa malao a a robatsang balwetse ka gofarologana e leng bomme,borre le bana kwa sepateleng se see tona a le masome a mararo le boraro. A supa ka dipalo fa kgaolo ya Bobonong e na le batho bale 43 631 fa 8 000 e le ba ba mo dikolong.

A re sebe sa phiri ke gore 47 per cent ba na le boroko fa 53 per cent e sena boroko, a tlatsa ka gore matlhotlhapelo ke thaelo ya dikoloi tsa Ambulance di le thano fela fa di le tharo e le tsone di dirang tiro. O boletse gore ga dumele gore batlaa goroga kwa ngwageng wa 2016 fa go santse gona le thaelo ya ditlamelo.

Mothusa tona wa Botsogo ebile e le Mopalamente wa kgaolo ya Mmathethe Molapowabojang Dr Madigele a re lephata leo le botlhokwa ka go tlhokomela mmele wa bone, le ditlhaloganyo tsa bone.

O tlhalositse fa tiro ya lephata leo gase bona setshaba setletse kwa dikokelong,a supa fa gona lephata la goruta, ka gona lemalwetse a tshelwanang e le a kgotholo e tona TB, AIDS, mme se sebotlhokwa ke gore baitlhokomele ka gona malwetse a a kekelang ke madi a matona , Kankere le swikiri

A re borre ke batho ba batshabang kokelo,gape borre ba dingwaga tse di masome a mane ba amiwa ke bolwetse jwa kankere o tlaabona bona ka gore fa batshwanetse go ya seemelong go tsee nako go thapologa, kana morago fa bare bafeditse gonne go rotha ka jalo go botlhokwa go bona ba botsogo.

O boletse fa setshaba se thuso puso ka go aga matlo ka theko ya Diteemane e wetse tlase, kwa bofelo baikgolaganye le mananeo a CEDA go aga matlo a ka o ne batlaa feresetsang badirela puso goitsa letlhoko la boroko.

A re dingaka tsa kgaolo ya Bobonong di tlhano ka tshwanelo di k abo di herabongwe,a tlatsa ka gore maikaelelo a puso ke gore dikokelwana tsotlhe lefatshe ka bophara di atlolosiwe fa madi a kanna teng.

A bolela fa a ne a tela kokelo ya Bobonong mme fitlhela matlhotlhopelo ,kwa bofelo a re gotla nna le karabane e tla thusang seemo seo. E ne ya re baakgela batsena phutlhego bare bogolo fa ba santse ba akanya go atlolosa batsise karabane go thusa balwetse basukiri ka boile magoletsa,bare kokelo eo e leswe.

Bane batswa ka tharabolo ya gore fa dingaka kana baoki baya dijong tsa motshegare gonne le ba basalang go thusa setshaba ka fa melemong le ba baitekodisang goitsa mela e meleele. Ba ne bangongorega ka tiriso ya dibalamakgolo gore ba badirisang ba bonya,le gore balwetse ba baroditsweng basa kgone goijesa baoki ga ba ba thuse.

Ba supile fa dikokelwana ditshwana Semolale le Mathathane diatlolosiwe go fokotsa mosuke kwa kokelong e tona yta Bobonong.Ntlha e nngwe bare kwa kokelong ya Bobonong gona le thaelo ya metsi e e bafitlhela ba e maema basaitse gore batla tsaya metsi kae.

Mothusa modulasetilo wa khansele ya potlana ya Bobirwa Rre Sylvster Masweu a ba rotlotsa gotsaya mananeo a puso goitsha mo lehumeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Mar 2015