Breaking News

Mokgatlho o lwantsha kgokgontsho

09 Mar 2015

Morago ga go lemoga fa kgokgontsho ya bana ba basetsana e oketsega, mokgatlho o o ikemetseng e bile o lwela ditshwanelo tsa bomme wa The African Women Leadership Academy o ne wa tshwara dithutopuisanyo le banana kwa Bobonong go ba ruta ka fa ba ka fedisang kgokgontsho ka teng mo malapeng.

Fa a bua kwa thutopuisanong eo bosheng, mogolwane wa mokgatlho oo, Dr Mpho Gilika o supile fa maikaelelo e le go neela bana ba basetsana maele ka fa ba lwantshang kgokgontsho ka teng.

Dr Gilika o tlhalositse fa tlhakanelo dikobo e e dirwang ka dikgoka, dikiteo e le mengwe ya mefuta ya kgokgontsho e e anameng thata mo lefatsheng la Botswana e bile e ama e thata bana ba basetsana.

Dr Gilika a re dikiteo di baka dintho tse di masisi mo mmeleng wa ngwana wa mosetsana mme a tloge a tlelwe ke boitlhobogo mo botshelong jwa gagwe, a tlatsa ka gore fa gongwe dikiteo tse di feteletseng mo ngwaneng wa mosetsana di kgona go baka leso.

O supile fa bontsi jwa bana mo malapeng e setse e le masiela le dikhutsana fa bomme ba setse ba le nosi mo tlhokomelong ya bana ntateng ya kgokgontsho.

Dr Gilika o gwetlhile bana ba basetsana go tsaya boikarabelo gammogo le go itsese makalana a a tshwanang le a sepodise le ba boipelego ka kgang tsa kgokgontsho. O tladitse ka go supa fa mokgwa wa go bipa mpa ka mabele o sa siama.

A re mekgatlho e e ikemetseng ka nosi e tshwana le wa The African Women Leadership Academy e ikemiseditse go lwela ditshwanelo tsa bomme ka jalo bana ba basetsana ba tshwenetse go inaakanya le yone go lwela ditshwanelo tsa bone.

O kopile banana go nna le tirisano le batsadi ba bone gore ba kgone go lwantsha dikgang tsa kgokgontsho. Fa a tswa la gagwe Mme Refilwe Baaname yo eleng mooki mo sepateleng sa Bobonong o supile fa batsadi ba tshwaanetse go ela tlhoko metsamao ya bana segolojang bana ba ba santseng ba tsena dikole go itsa go ima ba sale babotlana.

O tlhalositse fa maetiso a a tsamaiwang bosigo, bojalwa le motsoko e le dingwe tsa tse di bakang go ima ga banana.

O supile fa go ima ga bana ba dikole go isa seemo sa thuto kwa tlase.

A re go ima ga banana ba sale babotlamo go baya matshelo a bone mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke malwetsi a tlhakanelo dikobo, gape bontsi jwa bone ba bo ba ise ba kgone go nna le madi a go ka tlhokomela masea e bile ba bo ba ise ba fitlhe mo seemong sa go ka nna batsadi.

Mme Baaname o tlhalositse fa ngwaga o o fetileng baithuti ba le masome a matlhano le bobedi kwa sekoleng se segolwane sa Matshekge ba togetse sekole bakeng la boimana, fa mono ngwaga go tsweng ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha tlhakole go setse go imile baithuti bale lesome le borataro.

Mongwe wa banana ba kgaolo Mme Amantle Tlalampe o tlhalositse fa dikgang tsa go ima ga bana ba dikole di tshwenya thata mo kgaolong ya bobirwa ka jalo o kopile banana go inaakanya le metshameko jaaka ya bodiragatsi go ruta le go rutana ka dikgang tsa boimana ka go bo bontsi jwa batho ba rata go anya thuto ka se ba se bonang.

Mme Tlalampe o gwetlhile batsadi go tshwaragana le barutabana go lwantsha dikgang tsa go ima ga banana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : BOBONONG

Event : Thuto-puisano

Date : 09 Mar 2015