Molelo o buseditse mokghatlho kwa morago
09 Mar 2015
Mokgatlho wa bomme wa Bomme Bakani Itjaba go tswa kwa Tsamaya o ne wa sala o iphotlhere morago ga gore dikago tsa bone di gosomane ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Phalane morago fela fa di sena go agiwa.
Se se diragetse morago ga go lomaganya, ba tshwara fale le fale go kgobokanya matsana a go ipeela dikagonyana tse ba ka direlang kgwebo ya bone mo go tsone gammogo le gone go godisa mokgatlho.
Seo e ne ya sala e le matlhotlhapelo mo setlhopheng sa bomme ba ba lesome le motso ba ba neng ba itlamile go nyeletsa lehuma ga mmogo le gone go isa matshelo a bone kwa mankalankaleng. Mokgatlho o, o ne o itebagantse le go bopa dinkgwana le go loga ditlatlana ka thuso ya ba Lephata la boipelego.
Ba ne ba filwe madi a a kanang ka dikete di le masome a mabedi tsa dipula go diragatsa ditoro tsa bone tsa go ipelega. Mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Mabel Letsholathebe a re ba simologile ka ngwaga wa 2007.
O ne wa tlhamiwa ke bomme ba le lesome le botlhano, le ntswa mo nakong ya gompieno ba le lesome le bongwe. Maikaelelo a bone ne e le go tshegetsa ngwao, go itsosa e le bomme go supegetsa setshaba ka kakaretso gore bomme le bone ba kgona go tshegetsa ba bo ba tshetsa malwapa a bone ntle le borre.
Gape ba ne ba batla go fenya tlala gammogo le gone go rutuntsha bana ba ba kwa tlase ka fa dinkgwana di bopiwang ka teng.
Mme Letsholathebe o tsweletse ka gore ba boipelego ba ne ba ba batlela mme mongwe go tswa kwa Mochudi go ba rutuntsha go bopa dinkgo le yo mongwe go tswa Shorobe go ba rutuntsha go loga ditlatlana.
A re dinkgwana ke tsone tse di neng tsa tswelela go feta ditlatlana, ka nako e ba neng ba e filwe go ithuta go loga ditlatlana e ne e le khutshwane.
O tladitse ka go re dinkgwana tsa bone di ne tsa ikgapela dietsele di le tharo kwa ditshupong tse di farologanyeng.
Mokgatlho o, o ne o direla mo ntlong ya setso mme wa tshwanelwa ke go tla ka ditsela tse di farologanyeng go kgobokanya madi go tlhoma dikago tse di botoka ka go ne go supagala fa kgwebo ya bone e gola.
Go ya ka Mme Letsholathebe, ba ne ba kgobokanya madi ka ditsela tsotlhe, tseo di akaretsa a ba neng ba a fenya kwa ditshupong ga mmogo le go apaya dijo go fitlhelela letlole la bone le dumalana gore ba ka dira dikago tseo.
Motshwara madi wa mokgatlho oo, e bile e le monana, Mme Georgina Molepha o tlhalositse fa ba ne ba kgona go aga dikago tseo tsa ditoro tsa bone ka madi a a fetang dikete di le masome a matlhano a dipula.
A re morago ga dikago tseo di sena go fela, ba setse jaanong ba itomile molomo wa tlase go bona gore jaanong nako e fitlhile go fisa nkgo, ga diragala mo ba neng ba sa go solofela.
O tlhalositse fa dikago tsa bone di ne tsa wa mme ba sala ba iphotlhere ka e bile ba ne ba dirisitse matsana a bone a bofelo mo go tsone.
“Go lebega fa dikago tse di ne di sa itshetlela, mme e bile se se botlhoko ke gore re dirisitse madi otlhe mo go tsone, re itshaletse fela re iphotlhere,” ga tlhalosa Mme Molepha. O tlhalositse fa mo nakong ya gompieno, ba santse ba emisitse kgwebo ya bone ka go sena kwa ba direlang teng gape ba sena one madi a go ka aga ntlo eo sesha.
A re ntlo eo e ba buseditse kwa morago fela thata e bile ba tshogetse gore ba tla tloga ba lebala le dithuto tsa bone, segolo jang go loga ditlatlana ka ba ne ba ise ba tshware sentle.
O tladitse ka gore ba ne ba ikaeletse gore ka ngwaga wa 2016, le bone ba bo ba phatsima ba supa se ba se dirileng mo motseng wa bone ka go nna le seabe mo maitekong a go nyeletsa lehuma.
E rile a tswa la gagwe, mongwe wa maloko, Mme Margaret Musa a tlhalosa gore e re le ntswa go wa ga dikago go ba buseditse kwa morago, ba ne gape ba na le kgwetlho e tona ya mmu wa letsopa o ba o dirisang go bopa dinkgwana.
A re mmu o ba neng ba o dirisa ke o o neng o tla ka mme wa kwa Mochudi, mme a supa fa o ne o setse o ba feletse.
Gape a re ba ne ba leka go bopa ka o ba neng ba o tsaya mo motseng wa bone, mme o ne o sa tshwaragane jaaka wa letsopa ka dinkgo tsa bone di ne di thubega.
A re ba ikaeletse gore fa ba ka thusiwa go baakanya dikago tsa bone, ba tla ya go batla mmu oo, o ba o utlwaletseng kwa Serule go tsweledisa mokgatlho wa bone go itsa gore o tloge le one o phutlhame.
Mme a re tota ba na le keletso ya go ka itirela, kgwetlho e tona ke madi a dikago le letlhoko la one mmu wa letsopa. A re ba ka itumela thata fa dikompone di ka ba tswa thuso gore le bone ba thuse go nyeletsa lehuma mo lefatsheng leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : TSAMAYA
Event : Potsolotso
Date : 09 Mar 2015






