Breaking News

Kgosi Moitoi o bolokilwe

08 Mar 2015

Matshwititshwiti a batho a ne a tshologetse kwa Leshibitse ka Matlhatso go boloka mongwe wa baeteledipele ba lefatshe la Botswana.

Kgosi Albert Moitoi wa Leshibitse o tlhokafetse beke e e fetileng ka Labotlhano morago ga go kubugelwa ke bolwetse.

Dibui ka go farologana di buile tsa ba tsa fa bopaki ka botshelo jwa ga Rre Moitoi mme ba bolela fa e ne e le moeteledipele wa maemo a ntlha ka a ne a busa morafe wa gagwe ka lerato e bile a ba kaela tsela e ba tshwanetse ng ba tshela ka yone.

Mopalamente wa kgaolo ya Mochudi Bophirima, Rre Gilbert Mangole, o kaile fa Kgosi Moitoi e ne e le moeteledipele yo o neng a na le tebelopele e bile a rata ditlhabololo fela thata.

A re ka nako tse dingwe o ne a tle a mo reye a re o itse gore batho bangwe ba lebela motse wa gagwe kwa tlase mme ene o itse gore ditlhabololo di tla nna teng ka jaana motse wa Leshibitse e le motse o motnle fela thata.

Rre Mangole a re kgosi o ne a batla tsamaiso e e tlhamaletseng mme e ne e fa motho a tswa mo tseleng a mo gakolole ka bonako. A re gape e ne e le motho yo o lorato fela thata mme e bile a le tlhaga mo tirong mme sone seo se ne se mo dira moeteledipele wa popotla.

O ne a tlatsa ka gore e ne e re a go amogela mo kgotleng ya gagwe le wena o ikutlwe gore o amogelesegile mme a supa gore tiro ya gagwe o e dirile ka bokgabane mme mowa wa gagwe o robale ka kagiso.

Kgosi Bana Sekai a re o hutsafaditswe ke go utlwalela loso la ga kgosi Moitoi ka o ne a itse sentle gore ke kgosi ya nnete.

A re morafe wa Bakgatla ga wa latlhegelwa o le nosi ka jaana kgosi Moitoi a ne a le boikanyego, a tshephega e bile a na le boammaruri.

Kgosi Sekai a re o bone kgosi Moitoi la bofelo ka di 12 tsa ga Tlhakole mme a mo itekodisa fa a sa tsoga mme ba ne ba bua gape ka di 21 tsa kgwedi yo ne eo mme a kaya fa a sa tsoga.

A re batho ba ba siamemng ba ba tshwanang le kgosi Moitoi ba a tlhokwa mo setshabeng ka jalo a kopa morafe go tsaya malebela mo go ene bogolo jang ka e ne e le motho yo o sa rateng bosula.

Moagisanye ka ene Rre Joseph Mogotsi yo a reng o thibeletse mo motseng oo ka dingwaga tsa bo 1947, o sale a itsile Kgosi Moitoi ka nako eo a santse a bereka mo lephateng la temo thuo.

A re baeteledipele le bokgoni ja ga kgosi Moitoi bo sa le bo ithsupile ka yone nako eo ka a ne a okametse babareki ba bangwe mme o ne a dira tiro ya gagwe ka lorato. Rre Mogotsi a re ene e re fa yo mongwe a dule mo tseleng, o ne a mo kaela mme a mmusetse mo tseleng ka lorato le le makatsang mme seo se ne se supa sentle baeteledipele jwa gagwe.

Ka jalo o ne a kgotlhatsa ba lwapa la ga Moitoi le morafe ka kakaretso go tshegetsa serodumo sa gagwe ka jaana ene a dirile tiro mme o saletswe ke korone ya selegodimo. Kgosi George Tlhwane wa Artesia yo o neng a bereka thata le Kgosi Moitoi a re e ne ele motho yo o itseng ditso fela thata mme e bile ba ne ba ithuta gole go ntsi mo go ene.

A re ka nako tsotlhe fa ba kopa thuso mo go ene, o ne a ba thusa ka lorato mme e bile e ne e le motho yo o abetsweng botlhale ka o ne a kgona go rarabolola dikgetse tse di thata. Kgosi Tlhwane o ne a supa fa Rre Moitoi a ne a humile dikitso mme ba ne ba tle ba mo thswantsanye le motlobo wa dibuka ka a ne a itse dilo ka bontsi.

Kgosi Moitoi o berekile ka lobaka mo lephateng la matlhoko a leruo e le fence foreman mme a tswelela le lone go fitlhela e nna mookamedi.

E rile go tloga seetebosigo ngwaga wa 1985 go ya ko phatwe 2001 o ne a direla mo lephateng la tlhabololo leruo mme morago ga go tlogela tiro o ne a dira le ba makgotla a Setswana kwa a tlhokafalang a ntse a direla teng.

O tlogela mosadi le bana ba le boferabongwe le bana ba bana ba le lesome le bone le kokomane tse tlharo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Tirelo ya phitlho

Date : 08 Mar 2015