Breaking News

Ba tlhoka-pono ba gatetse pele

08 Mar 2015

Mokgato wa batlhokapono wa Botswana Association of the Blind and Partially Sghted o butse diofisi kgwedi e e fetileng  mo Gaborone.

Morutabana wa maranyane a dikhomputara gone ko mokgatlong oo, Rre Goabaone Montsho yo le ene eleng motlhokapono, o tlhalositse fa mokgatlho oo, o itebagantse le go ruta batlhokapono le ba ba sa boneng sentle dikhomputara le go bala le go kwala ka braille.

Rre Montsho a re mo nakong eno bana le baithuti ba ba fetang makgolo a mabedi ba ba ithutang dicomputara ko ofising ya bone ba dirisa software ya Jaws ee buang, ee leng gore e dirisiwa ke batlhokapono lefatshe ka bophara.

A re ba latela ba bangwe ko dikolong tsa batlhokapono ba ya go ba ruta a tlatsa ka gore re ba setse ba simolotse ka baithuti ba dikolo tsa Molefhi le Pudulogong mo Mochudi.

O supile fa Jaws e bala melaetsa le sengwe le sengwe se se mo computareng gore motlhokapono a itse gore go diragala eng.

A re ba fa dithuto tsa braille gape gore motlhokapono mongwe le mongwe a kgone go bala le go kwala ebile dithuto tseo di buletswe motlhokapono mongwe le mongwe yo o nang le kgathego ya go ithuta.

Rre Montsho o rotloeditse setshaba, dikompone le puso go duelela go nna maloko a mokgato wa batlhokapono gore batle ba kgone go ba thusa go reka didirisiwa tsa mokgato oo go akarediwa dicomputara le software ya Jaws ka jaana di le boutsana a tlatsa ka gore le ba ba nang le keletso ya go ba abela ba ka dira jalo.

Rre Montsho o tsweletse a tlhalosa fa mokgato wa bone o itebagantse gape le go sidila maikutlo bao ba ba tshologetsweng ke botlhokapono ba setse ba godile gore ba kgone go tshela ka seemo seo ba sa akanye gore ke bofelo jwa botshelo.

A re gape ba ikaelela go fedisa kgethololo ya batlhokapono mo sechabeng ka go ruta batho ka batlhokapono le gone go ba tsibosa gore go tlhokapono ga se bolwetsi ebile motlhokapono o tshwana fela le mongwe le mongwe yo o bonang.

Rre Montsho o tsweletse a tlhalosa fa ba itemogetse gore ba na le dikgwetlho tse dintsi tse eleng gore di tlhoka go elwa thoko gore le bone ba tshele sentle jaaka motho mongwe le mongwe.

A re gareng ga dikgwetlho tseo ba itemogetse fa setshaba se sa itse ka thobane e tshweu e ba e dirisang a supa gore le fa motlhokapono a tla ka thobane e tshweu e gantsi e dirisiwang ke batlhokapono o fitlhela ba sa itse gore ke thobane ya eng.

Rre Montsho o ne gape a kaya fa bontsi jwa nako bakgweetsi ba dikoloi ba sa ba fe sebaka sa go kgabaganya tsela fa ba ba bona ka dithobane tse di tshweu a tlatsa ka gore ko mafatsheng a mangwe jaaka ko Canada ko a nnileng teng setshaba se itse thata ka batlhokapono a tlatsa ka gore fa ba kgabaganya tsela ba tshwere dithobane tse ditshweu bakgweetsi ba a ba emela.

O tsweletse a gatelela botlhokwa jwa go nna teng ga dipampiri tsa dikgang tse di kwadilweng ka braille a tlatsa ka gore go botlhokwa gore le bone ba kgone go bala le go itse gore dikgang tsa lefatshe la bone le a mangwe tota di bua ka eng a re seo se ka ba thusa fela thata.

A re maikaelelo a mangwe a mokgato wa batlhokapono ke go netefatsa gore melao ee akaretsang batlhokapono e a simolodisiwa mo lefatsheng gore go nne le tekatekano a tlatsa ka gore ba batla go netefatsa gore dilo tse batlhokapono ba ngongoregang ka tsone di a baakangwa.

Kwa bofelong o kaile fa bangwe ba bone ba dira ka natla ebile ba tsweletse pele mo dithutong a tlhalosa fa sebe sa phiri e le didirisiwa tse a tlhalositseng gore fa di ne di le teng ba ne ba tla a bo ba phadisana le batho ba bangwe mo ditirong gore le bone ba nne le seabe mo kgodisong ya itsholelo ya lefatshe leno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Dinah Johane

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 08 Mar 2015