Kerekang o akgola badirelapuso
08 Mar 2015
Molaodi wa kgaolo ya Kweneng, Mme Utlwanang Kerekang o akgoletse badirelapuso ba kgaolo potlana ya Letlhakeng maiteko a bone a go isa ditlamelo kwa metseng.
E rile a bua kwa bokhutlong wa go isa ditlamelo kwa bathong mo go tsereng beke kwa Tsetseng ka Labotlhano, Mme Kerekang a tlhalosa fa badirela puso bao bane ba ititeile ka thupana le ntswa tiro eo ene ena le dikgwetlho tse dintsi ka ene ele la ntlha e dirwa.
A re badiredi ba tshwana le bakgweetsi le bone ba tshwanetse go akgolwa ka jaana bane ba sa ipone tsapa ntswa kgaolo ya Letlhakeng ele bophara, selo se se neng se ba pateletsa gangwe le gape go ya go tshela leokwana bokgakala ja Molepolole.
O ne a tlhaosa fa maiteko a go tshwana le a ka badirela puso a tshwanetse go lemogiwa.
Mme Kerekang o ne a tlhalosetsa setshaba fa badirela puso ele bana ba bone e bile ba thapetswe go ba thusa, mme ka jalo aba kopa gore ba seka ba tshaba go ba gakolola fa ba lemoga fa basa dire dilo dingwe sentle.
Thulaganyo eo ya go isa ditlamelo kwa bathong e simolotse ka Mosupologo mme ya goga beke yotlhe.
Batho ba metse eo ka go farologana ba ne ba supa faba lebogetse maiteko ao.
Rre Oakantse Mmolayapodi wa motse wa Kaudwane o ne a tlhalosa fa go dira jalo go ba thusitse fela thata ka jaana ba kgona go bona ditlamelo ka go farologana mo lefelong lele lengwe.
A re motse o tshwana wa bone wa Kaudwane o na le letlhoko le lentsi la dipagamo se se dirang gore fa gongwe ba itsape go ya kwa diofising dikgolo kwa letlhakeng go kopa dithuso.
Mme Mmammui Kelogetswe wa motse wa Salajwe le ene o ne a tlhalosa fa go dira jalo go ba thusitse ka jaana a re batho bangwe ba metse e kgakala le ditlamelo bana le go nna boi goya kwa diofising.
Le fa go ntse jalo o ne a ngongoregela go tlhoka go nna teng ga maphata a tshwana le la metsi, a re mo moteng wa Salajwe bana le dikgang tse di tshwenyang tsa metsi.
O ne gape a kopa gore mo nakong ee tlang thulaganyo eo e tshwarelwe mo motseng ole mongwe mo bekeng, go itsa gore badirela puso ba kgaupetse ditirelo pele ga nako ka jaana ba abo ba tabogetse go ya go baakanya kwa motseng oo latelang.
Banni ba Tsetseng gaufi le Kang le bone bane ba akgola maiteko ao, bare ka jaana motse wa bone ele mongwe wa ee kgakala thata le Letllhakeng, ke bone ba ba babalelwang go feta batho botlhe.
Bane ba kopa gore thulaganyo eo e nne e tsisiwa kwa motsemg wa bone kgapetsa-kgapetsa.
Maphata ka go farologana a ne a tsere karolo mo tirong eo, mme dingwe tsa ditirelo tse di neng di fiwa ke tsa go rekisa dijo tsa dikgomo le melemo ya tsone, go rekisa ditlhatshana, go kwadisa baba tlhokang ditiro le bo omang ga mmogo le go thusa go rarabolola dikgang tsa selegae ke ba ofisi ya ga molaodi.
Thulaganyo eo ene e isitswe kwa metseng ya Diphuduhudu, Kaudwane, Salajwe, Tsetseng le Khekhenye. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya badirela puso
Date : 08 Mar 2015