Morero ke konokono mo lenyalong
08 Mar 2015
Kgosi Opelo Ntshwarelang wa Mosetse mo kgaolong potlana ya Tutume o gakolotse banana ba ba tsenang mo nyalong go tlotla le go tshegetsa morero ka jaana e le one o ka ba thusang go aga nyalo ya motia.
O buile jalo mo potsolotsong bosheng, mme a supa fa a sa itumedisiwe ke dikgang tse a tsweletseng ka go di amogela tsa diphapang fa gare ga banyalani, bogolo thata banana ka di felela di baka tlhalano. Kgosi Ntshwarelang a re go itshupa fa mangwe mabaka a a tlhotlheletsang dingwe diphapaang tse e le go tlhoka therisanyo fa gare ga banyalani.
Ka jalo a re go botlhokwa gore banyalani ba dire gore morero e nne sengwe sa botlhokwa mo nyalong e bile ba o tlotle, a bo a tlatsa ka go gakolola botlhokwa jwa go sa itseela tshwetso ntle le go rera le yo mongwe ka tse di amanang le nyalo ya bone.
A re morero ke yone tsela ya go ka rarabolola diphapaang le tse dingwe dikgwetlho ka go farologana tse di ka tlhagogang, mme o rotloeditse lorato le tlotlo fa gare ga banyalani, a tlatsa ka go supa gape fa le tsone di ka tlotlomatsa seriti sa nyalo.
Kgosi Ntshwarelang o bile a rotloetsa banyalani gore ba seka ba feekediwa ke maikutlo, a a fa sekai gore bangwe ba tsaya tshwetso ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya maikutlo, mme motho a lemoge morago gore ga se yone tshwetso e a neng a tshwanetse go e tsaya.
Go sale foo, Kgosi Ntshwarelang o gakolotse batho go itshekatsheka le gone go batla thuso e akaretsa tshidilo maikutlo pele ba tsaya tshwetso ya go tsena mo nyalong.
Kgosi a re bangwe ba tsena mo nyalong ba ise ba tlhaloganye sentle boleng jwa lenyalo, ba kgatlhiwa ke dilo di akaretsa dithoto tsa yo mongwe.
A re nyalo ga ya tshwanela go ikaega ka dithoto fela, mme lorato le morero ke tsone konokono ya go aga lelapa la motia. O bile a gatelela fa bopelotelele le boitshoko le tsone di ka di ka thusa go hema dikgwetlho tse di ka tlhagogang.
Kgosi Ntshwarelang o bile a gakolola batho go emisa mokgwa wa go inyadisa kgotsa go tlhoka go akaretsa batsadi ba nnete mo morerong wa lenyalo. A re fa bobedi jo bo nna le mathata go nna dingalo gore ba bone thuso e e maleba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 08 Mar 2015