Breaking News

Metsi a dirisitsweng a tla dirisiwa gape

08 Mar 2015

Mookamedi wa lephata la metsi kwa Gaborone, Rre Obakeng Obakeng, a re ere ka lefatshe leno le lebanwe ke kgwetlho ya go tlhaelelwa ke metsi ke sone se lephata la gagwe le sekasekang mogopolo wa go tlhatswa metsi a dirisitsweng gore a kgone go dirisiwa gape mo ditirong tsa setshaba.

Rre Obakeng o buile mafoko a mo thutopuisanong e neng e tshwaretswe kwa Mahalapye Cresta Hotel maabane, e tsenwe ke badiri ba lephata la metsi,maloko a komiti ya ditlhabololo, dikgosi, ditlhogo tsa maphata le bagolwane ba dikompone tse di kopanetseng ditiro le mmuso jaaka ya Water Utilities.

O rile ere ka seemo sa metsi se tlhokisa Batswana le mmuso boroko segolo jang kwa Borwa jwa lefatshe leno, ke sone se ba tsweletseng le go epa matamo kwa Bokone jwa lefatshe leno le go sekaseka go diragatsa mogopolo wa go tlhatswa metsi a leswe gore a kgone go dirisiwa mo ditirong tsa temo-thuo jaaka temo ya merogo, maungo le go tlhatswa dikoloi gammogo le go dirisiwa mo ditirong tsa go tlhatswa ditswa mug ditshwana diteemane.

A re maikaelelo a dithutopuisano tseo ke go tlhalosetsa setshaba le batsaya karolo ka ditlamelo tse di ka bonwang mo lephatenmg la gagwe le go ba lekodisa ka dikgwetlho tse ba lebaneng natso ditshwana tlhaelo ya metsi e bakiwang ke gona ka boutsana ga dipula le go kgala ga matamo segolo jang la Gaborone.

Rre Obakeng o tsweletse ka go tlhalosetsa batsena dithutopuisano tseo gore lephata la gagwe le kgonne go bona metsi a selekanyo sa 750 million cubic metres mo didibeng le mo matamong, mme a bolela fa mo metsing ao 250 million cubic metres ele metsi e dirisiwang gonowa ke batho fa 48% ya metsi ao a dirisiwa mo temong ya merogo le maungo fa a mangwe a dirisiwa mo ditirong tsa meepo ya ditswa mmung.

O boleletse batho ba ba neng ba tsene dithutopuisano tseo go balelwa le molaodi wa kgaolo potlana ya Mahalapye Rre Bakuedi Masole, gore lefa setshaba se tsweletse ka go kgala lephata la gagwe le ba koporase ya Water Utilities mabapi le tlhaelo ya metsi, gone ba dirile maiteko a golwantsha seemo seo ka go kopa mafatshe a baagisanyi go dirisa bontlha bongwe jwa metsi a dinoka tsa mafatshe a bone.

E rile mothusa mookamela lephata la metsi Mmaetsho Bogadi Mathangwane a bua mo thutopuisanong eo, a kopa Batswana ka kakaretso go somarela tiriso ya metsi le go duelela metsi a ba a dirisitseng ka nako e tshwanetseng. 

Mme Mathangwane o boletse fa lephata la gagwe le dirisa metsi a mantsi mo mhameng wa temo-thuo ntswa go sena dipoelo tse dikalo kalo.

O kgadile asa osheoshe batho ba ba tsayang metlhaba mo dinokeng tsa lefatshe leno ka bokukuntshwane ka a re go dira jalo ke go senya le go bolaya boleng jwa dinoka gore di seka tsa kgona go tshwara motlhaba le go mela dimela tse dingwe tsa tsone di ka nnang tsa bakela batho le diruiwa gammogo le diphologolo tsa naga malwatse.

Mo thutopuisanong eo ba komiti ya ditlhabololo gammogo le kgosi Tsoebebe Segotsi le mothusi wa gagwe kgosi Tshipe Tshipe bane ba supa matshwenyego ka metsi a leswe a tswang mo matlwaneng a boitiketso a go bolelwang a tshelwa mo nokeng ya Mahalapye atswa mo matangwaneng a tshelang metsi a leswe kwa kgotlaneng ya Moloko.

Bare koporase ya Water Utilities e tshwanetse go emisa ka ponyo ya leitlho go tshela metsi a leswe mo nokeng ya Mahalapye ka noka eo ,e nosa batho ba metse ya Setsile, Mokoswane, Kudumatse le ba meraka ya Matlhokgotshe. Bare bana le dipelaelo tsa gore metsi ao jaanong a ka nna a tsenya batho b aba nwang mo nokeng eo malwetse.

Molaodi wa Mahalapye Rre Masole o akgoletse badiri ba lephata la metsi mo Mahalapye go rulaganyetsa dithutopuisano tseo ka jaana dikgonne go ruta batsaya karolo ka botlhokwa jwa tiriso le tshomarelo ya metsi,mme a kopa maphata a mangwe go tsaya malebela mo badiring ba lephata leo gore le bone ba kgone go tlhalosetsa setshaba se ba dirang le sone ka ditlamelo tsa maphata a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Thuto-puisano

Date : 08 Mar 2015