Breaking News

A ba-na-le bogole ba itseele ditshwetso

08 Mar 2015

Batswana ba lemotshitswe fa mo-na-le bogole e le motho fela jaaka o mongwe le mongwe.

Mothusa kgosi wa Balete, Kgosi Tsimane Mokgosi o supile fa mo kgaolong ya ga Malete, ba-na-le bogole ba sa kgethololwe, ke sone se batho ka bontsi ba akanyang gore ba-na-le bogole ba bantsi mo kgaolong e, ka jaana ba sa fitlhwe ka fa mahure.

O ne a bua kwa moletlong wa letsatsi la ba-na-le bogole ka Labone. Kgosi O boletse fa maranyane a a itebagantseng le ba-na-le bogole a ka ba thusa gore ba tshele botshelo ka botlalo ba sa tlhaele ditsompelo e bile ba sa kgorelediwe ke ope. Kgosi Mokgosi o boletse fa go nyenya motho e le go se mo thuse fa o mmona a sokola ka ntlha ya bogole.

Modulasetilo wa mokgatlho wa ba-na-le bogole, Rre Elliot Garetshele o ne a supa fa maikaelelo a letsatsi leo e le go tsibosa ba-na-le bogole, batlhokomedi ba bone le setshaba ka kakaretso gore bo-na-le bogole ga se go palelwa.

O boletse gape fa ba-na-le bogole ba na le ditshwanelo tsotlhe tse Motswana mongwe le mongwe a nang le tsone. O kopile Batswana go baya ba-na-le bogole mo pontsheng, le gone gore mongwe le mongwe o tshwanetse go tsenya letsogo go ba thusa.

Mopalamente wa Ramotswa, Rre Samuel Rantuana o ne a supa fa go tswa goo-Lowe, maranyane a ne a ntse a na le karolo mo go laoleng ka fa batho ba tshelang ka teng.

O tlhalositse fa ditiro dingwe di sa tlhoke gore motho a bo a itekanetse mo mmeleng go ka di dira, a supa fa ba-na-le bogole le bone ba ka di dira.

O boletse fa ba-na-le bogole ba itse se ba se tlhokang, ka jalo go le botlhokwa gore ba tseye karolo mo mananeong a ditlhabololo, e seng gore ba akanyediwe gore ba tlhoka eng.

Mopalamente o supile gape fa ba-na-le bogole ba na le tshwanelo ya go nna le sephiri, ka jalo go le botlhokwa gore maphata a puso ba itse puo ya diatla, gore e re fa ba kopa thuso ba seka ba simolola ba ya go batla motho yo o ka ba ranolelang.

O tlhalositse gape fa go le botlhokwa gore ba-na-le bogole ba seka ba salela morago mo go tsa maranyane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Moletlo wa letsatsi la ba-na-le bogole

Date : 08 Mar 2015