Breaking News

Lephata le itebaganya le mathata a bana

08 Mar 2015

E ne ya re bosheng lephata la boipelego la tshwara phuthego ya kgotla kwa Lerala e maikaelelo a yone e neng e le go buisana le batsadi ka seemo sa go ima le go dirisiwa botlhaswa ga bana.

Phuthego e tla jaana morago ga gore lephata la boipelego le nne le thutopuisano le batlhokomedi ba bana ba masiela ka tlhokomelo le dikgwetlho tse bana bao ba kopanang le tsone.

Fa a bua kwa phuthegong eo, mothusa kgosi wa Lerala, Kgosi Ookeditse Shaw o ne a kopa batsadi go nna le seabe se se bonalang mo go tshwaraganeleng bana le maphata a a lebaneng.

Dipego go tswa kwa go ba botsogo, mapodise le barutabana ba dithuto tsa bogakolodi kwa phuthegong eo di ne di supa fa boimana jwa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlatse ga lesome le boferabobedi go tloga ka ngwaga wa 2010 go ya kwa go wa 2015 di ile magoletsa e bile dingwe tsa tsone di sa begwa kwa mapodising.

Di supile gape fa batsadi ba sa tsibogele dikgang tsa go ima le go dirisiwa botlhaswa ga bana ka go tlhoka go tsaya boikarabelo jwa go diragatsa molao.

Raboipelego, Rre Teme Molefe o ne a bolela fa motsadi yo o nang le ngwana yo o dirisitsweng botlhaswa a bo a bipa mpa ka mabele a le molato.

O kopile batsadi gore ba diragatse molao wa go sireletsa bana ka go begela mapodise ka go dirisiwa botlhaswa ga bana.

Fa a latlhela la gagwe, mokhanselara wa Lerala bophirima, Rre Gabagopolwe Sebele o ne a rotloetsa badirelapuso go nna le seabe mo tshireletsong ya bana.

Rre Sebele a re ke tshwanelo gore go latedisiwe dikgang tse tsotlhe tsa go ima ga bana ba dingwaga tse di kwa tlase.

O kopile makawana go ikgapha mo dikgannyeng tsa go tlhakanela dikobo le bana ba bannye. 

A re borre le bone ba tshwanelwa ke go sireletsa bana.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalethata Malete

Location : LERALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Mar 2015