Metsi a dinoka tsa mafatshe a a kopanelwa
08 Mar 2015
Mookamedi wa lephata la metsi, Rre Obakeng Obakeng a re gore metsi a dinoka tse di ralalang mafatshe a tshwanetse go dirisiwa ka go kopanelwa ke batho ba mafatshe ao go setswe morago melawana ya lekgotla la ditshaba morago.
Rre Obakeng o buile jalo fa a ne a tsibogela potso ya ga Mme Gaboutlwelwe Tshukudu yo o neng a ngongoregela batho bangwe ba go bolelwang ba ikgagapelela tiriso ya metsi a noka ya Limpopo. O boletse jalo mo thutopuisanong e e neng e tshwaretswe kwa Mahalapye bosheng,
Bangwe go umakwa fa ba setse ba epile didiba mo thoko ga noka eo ntswa go se na morero le bagolwane ba lephata la metsi mo Botswana.
A re ka fa melawaneng ya lekgotla la ditshaba e laolang tiriso ya metsi a dinoka tse di ralalang mafatshe e tlhalosang ka teng, batho ba mafatshe a dinoka tseo di tsenang ka one ba tshwanetse go rerisana pele ga ba ka itirisetsa metsi ao.
O bile a bolela fa go se na batho ba lefatshe lepe ba ba tshwanetseng go meta noka epe ntleng le therisano.
Rre Obakeng o tlhalositse fa lephata la gagwe le tlaa itebaganya le go tlhotlhomisa dikgang tsa go nna jalo kwa baleming ba dipolase tsa Tuliblock ka e le bone ba ba gaufi thata le noka eo.
A re lephata la gagwe le itebagantse thata le go epa didiba, go epa matamo le go meta dinoka tsa lefatshe leno ga mmogo le metsi a makgobokgobo a Ngami gore a seka a kgotlelesega le go bona selekanyo sa metsi a dinoka tseo.
A re mo isagong badiri ba lephata leo ba ikaelela go tswa ka methale e e ka dirisiwang go thibela letsatsi go tsaya metsi mo matamong ka selekanyo se se kwa godimo gore matamo a seka a kgala kgapetsakgapetsa jaaka go diragetse ka letamo la Gaborone.
Rre Obakeng o ne a tlhalosetsa batho ba ba neng ba tsene thutopuisano eo gore dingwe tse di kgoreleditseng letamo la Gaborone go nna le metsi a mantsi ke go na ka boutsana ga dipula le batho bangwe ba ba dirileng matangwana a a nosetsang merogo mo thoko ga noka e e tshelang letamo leo, le go bolelwang le kgadile.
O rile e re ntswa e le keletso ya puso go tswelela ka go epa matamo go nosa batho ba ditoropo le metse e metona jaaka Borolong, Kanye, Molepolole, Mochudi, Serowe, le Maun, sebe sa phiri ke letlhoko la madi le go fela ga mafelo a go ka agwang matamo mo go one.
O tsweletse ka go tlhalosa fa e le maikaelelo a lephata la gagwe go siela metsi batho ba metse e e ralalwang ke phaephe e e gogang metsi kwa Bokone go ya kwa Borwa jwa lefatshe leno fela fa go na le mabaka a a kgotsofatsang a go supa fa batho ba metse ya go nna jalo ba tlhaelelwa ke metsi.
Rre Obakeng o rile le fa puso e neetse koporase ya Water Utilities boikarabelo jwa go siela Batswana metsi mo ditoropong le mo metsing ya magae, gone lephata la gagwe le sa ntse le neilwe boikarabelo jwa go tlhokomela tiriso ya metsi, go epa didiba le matamo, go meta dinoka le go neela batho tshwanelo ya go dirisa metsi ga mmogo le go kwadisa didiba tse di epilweng ke beng.
O tlhalositse fa dingwe tse di tlaa dirwang go somarela metsi e le go fokotsa dipompo tse di dirisiwang go nosa morafe mo magaeng, go gagamaletsa dikgato batho ba ba nosang diruiwa metsi a setshaba le go tseela dikgato batho ba ba kgotlelang metsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Thuto-puisano
Date : 08 Mar 2015