Setlhopha sa mmino se abela sekolo
05 Mar 2015
Setlhopha sa Masalela a Bodimo sa mmino wa setso se abetse bana ba sekolo se se potlana sa Sekgoma paka ya sekolo bosheng.
Fa a bua mo moletlong wa kabo dimpho, mogolwane wa Masalela a Bodimo, Rre Oberekile Ngande a re ba bonye go tshwanela go re e le banana ba tseye karolo go thusa puso segolo jang ba ba kobo dikhutshwane e bong batlhoki le Masiela.
A re ba lemogile fa bana bangwe ba tsena sekolo ba sena paka ya sekolo mme a re se se ba gwetlhile go abela bana ba sekolo seo ba le lesome.
Rre Ngande o tsweletse ka gore ba ikaeletse go tsweledisa se ngwaga le ngwaga mme a solofetsa gore ba tla nna ba oketsa palo ya bana ba ba amogelang dithuso tse ngwaga le ngwaga.
O tsweletse ka gore ba ikemiseditse go simolodisa go rutuntsha bana ba dikolo tse di potlana mo Maun ka mmino wa Setswana le tse dingwe tsa ngwao ya Botswana jaaka poko, kopelo le maele a Setswana go leka go tsosolosa ngwao kwa moding le go godisa dimpho tsa bone ka go farologana.
Rre Ngande o boletse fa e tlaare mo nakong e sa fediseng pelo, ba simolole go lema tshingwana ya morogo mo sekolong seo, e ka yone ba tla rutang bana go lema merogo mme e re morago ba e rekise go thusa bana ba ba dikobo dikhutshwane.
Mogolwane mo lephateng la thuto le tlhabololo dikitso mo Maun Mme Didimalang Memo a re o leboga thata go bona banana e le bone ba tsayang boikarabelo go thusa puso go leka go tokafatsa matshelo a batho segolo jang mo thutong ka thuto e le boswa jwa sennela ruri.
Mme Memo o tsweletse ka gore go abela bana kapa ya sekolo go tla ba kgothatsa go tsena sekolo sentle, a re paka ya sekolo e dira gore ngwana a nne motlotlo le gore ba nne le lorato la go ithuta.
Ka gotwe kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, Mme Memo o kgothaditse setshaba ka kakaretso go tswelela ka mowa o montle wa neelano, o o renang mo lefatsheng leno go thusa puso go tlhabolola matshelo a Batswana go ya ka bokgoni jwa bone.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa lephata la metako le ngwao mo kgaolong ya bokone bophirima Rre Tshireletso Modikwa a re o akgola Masalela a Bodimo ka tiro e ntle ya go kgatlhantsha matlhoko a batho le go tokafatsa matshelo a tshaba ya Botswana.
Rre Modikwa o kgothaditse setshaba ka kakaretso go tswelela ba rutloetsa ditlhopha di tshwana le ya Masalela a Bodimo gore le bone ba kgothale ka se ba se dirang.
O ne a gatelela thata gore batsadi ba rotloetse bana ba bone go tsaya karolo mo bodiragatsing go godisa kitso ya bone le bodiragatsi mo lefatsheng la Botswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ame Ketlogetswe
Location : MAUN
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 05 Mar 2015