Kgosana o kopa banni go tsibogela mananeo
05 Mar 2015
Kgosana wa kgotla ya Mpeo kwa Lerala, Kgosi Lekgotla Moroka, a re banni bangwe ba ba sa tsibogeleng mananeo a puso e a ba diretseng gore ba itshetse ba tla a lelela kgama le mogogoro ka mananeo a e tlaare nako nngwe a bo a emisitswe.
A re go na le mananeo mangwe a a neng a dirwa mo dingwageng tse di fetileng ka jalo Batswana bangwe ba seka ba a tsibogela mme mo nakong eno ba ikwatlhaela gore ke eng ba ne ba sa a tsibogele.
O ne a bua jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye Rre Kabo Ketshogile ka Labotlhano (February 20).
Kgosi Moroka o boletse fa a swaba nko go feta molomo ka madi a a ntshiwang ke puso a gore Batswana ba intshe mo lehumeng a felela a busitswe nako le nako fa ngwaga wa ditlhabololo o wela.
O ne a tsibosa banana gore fa ba ka tswelela ba ntse ba sa supe fa ba kgatlhegela go tsaya mananeo a bone go ipulela dikgwebo puso e tla a lemoga fa ba sena kgatlhego mme mananeo a bone a emisiwe.
Le fa go ntse jalo banni bangwe ba kgotla ya Mpeo ba ne ba bolela fa ba dira maiteko go tsaya mananeo a nyeletso lehuma mme ba sa kgone go thusiwa ka bonako.
Bangwe ba banni ba kgotla ya Mpeo Mme Regina Lemme le Mme Kitso Botlhasitse ba ne ba bolela fa ba tshwenngwa ke lebaka le leleele le le tsewang gore go thusiwe ba ba ikwaditseditseng mananeo a nyeletso lehuma.
Ba re ba sale ba ikwadiseditse lenaneo la nyeletso lehuma mme ga gona nko e e tswang lamina.
Mme Salome Serumula o ne a galaletsa lenaneo la nyeletso lehuma a bolela fa a na le tshingwana ya morogo mme a kgona go rekisa mo a go robileng.
O ne a rotloetsa ba ba ikwadiseditseng nyeletso lehuma go se fele pelo ka ene a ne a tsaya sebakanyana a sa bone dithuso mme a seka a itlhoboga.
A re mo nakong eno o lebogela dithuso tse a di boneng ka lenaneo la nyeletso lehuma di mo ntshitse mo lehumeng le a neng a tshela ka lone.
Fa a tsibogela dikakgelo tsa banni Rre Ketshogile yo ebileng e le mokhanselara wa Lerala botlhaba o ne a bolela fa puso e ntshitse mananeo a le mantsi a nyeletso lehuma mme go le mo maruding a Batswana go a tsibogela ka bontsi.
A re mananeo a nyeletso lehuma ke a mongwe le mongwe ebile ga a kgetholole ka jalo banni ga ba a tshwanela go nna fela ba sa e go ikutlwela gore ba ka tsaya afe kwa badireding ba ba lebaneng.
Rre Ketshogile o ne a leboga banni gobo ba ne ba bona go tshwanela gore ba mmusetse khanseleng mo ditlhophong tse di sa tswang go feta.
A re o tshepa fa ba tla a tshwaragana le ene go dira ditlhabololo mo kgaolong ya bone.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 Mar 2015