Makhanselara ga a kgotsofadiwe ke kabo ya madi
05 Mar 2015
Makhanselara a Jwaneng a supile fa ba sa itumelele madi a ba a filweng ba re a mannye fa go tshwantshanngwa le a ba neng ba a kopile.
Ba buile jalo mo phuthegong ya khansele e e neng e rulagantswe go rola pego ya madi ya 2015/2016.
E rile a a fa pego ya madi, modulasetilo wa komiti ya madi ebile e le mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Benjamin Bakwena a tlhalosa gore madi a ba neng ba a kopile a fokoditswe go tswa mo go P89 037 930 go ya kwa go P61 797 380, seo ele phokotso ya P27 240 550.
O ne a tswelela ka go tlhalosa gore seelo se ba se beetsweng se ko tlase fela thata go nale tse ba solofetseng go di dira mo ngwageng ono wa madi.
Rre Bakwena are Lephata la dikgaolo le tlhabololo magae le arogana madi a lone le dikhansele gore ditirelo di kgone go ya ko sechabeng mme gape le rotloetsa gore dikhansele di itirele madi di seka tsa ikaega ka lephata.
One a supa gore lephata la boipelego,melelo,thuto le phiro a a fitlhelwang mo khanseleng,o ne a sa fokololediwa madi thata ka gore a na le ditiro tse di botlhokwa tse di ka sekeng tsa emisiwa.
Rre Bakwena are maphata a a amegile thata a akaretsa lephata la phiro,ditsela ga mmogo le la dikago.
E rile a mo kgwa dikgaba Mokhanselara wa kgaolo ya Ngami Rre Bankinyana Montsiemang a bolela fa a swabisitswe ke gore madi a ba neng ba a kopile a fokoditswe ka selekanyo se se ko godimo ntswa ba supile ditiro tse ba batlang go di dira.
Are ba tlile go nna le kgwetlho ya tlhaelo ya madi ka jaana ba ne ba solofetse go rekela khansele dikoloi tse di tlaa thusang go isa ditirelo ka bofefo ko morafeng.
Are ba ne ba solofetse go dira ditiro dingwe tse di akaretsang go baakanya ditsela. .
O ne a kgala tsamaiso ya mapalamente le makhanselara a a itlhophetsweng a tlhalosa fa e le yone e tsayang madi a mantsi a kopa gore puso e sekaseke go e emisa.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng Mme Olga Ditsie ene o ne a rotloetsa makhanselara gore ere ntswa ba dumela gore madi a mannye, ba tshwanetse go tla ka metlhale e farologaneng ya go itirela madi go na le go ikaega fela ka puso. A re ba tshwanetse go tlhoafalela go phutha dikoloto tsa di rates le go tswa ka methale e mesha ya go fefosa dituelo.
Mothusa Mokwaledi wa khansele ya Jwaneng Rre Leano Mokete o ne gakolola makhanselara gore goromente o baya seelo a lebile gore o na le bokae mo pateng.
Are go botlhokwa gore makhanselara ba tseye boikarabelo jwa go ngokela babeeletsi mo toropong eo ga mmogo le go simolodisa dikgwebo tse disha go kabakanya itsholelo.
O ne gape a gakolola gore ele khansele ba na le tshono ya go kopa kokeletso ya madi fa ntse ba tsweletse ba dirisa a mangwe .Ko bokhutlong makhanselara bane ba amogela pego eo ya ya ngwaga wa 2015/2016.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebogang Baingapi
Location : JWANENG
Event : Phuthego ya khansele
Date : 05 Mar 2015